Go nna pelotelele go tsisa maduo
08 Nov 2021
Maloko a Boipelego Dam Group a lebogetswe tirisanyo mmogo le go rerisana le boeteledipele jwa motse.
Se se builwe ke mokhanselara wa kgaolo, Rre Ootule Segolame kwa phuthegong ya ngwaga le ngwaga ya ba Boipelego Dam Group e e neng e tshwerwe kwa Bonwapitse bosheng.
Rre Segolame o ne a supa fa go itumedisa go bona setlhopha seo a tshwaragane go netefatsa gore ba fitlhelela maitlamo a sone.
O supile fa setlhopha seo se simolotse go le thata mme ba nna pelotelele go fitlhelela fa ba leng teng.
Modulasetilo wa setlhopha seo, Rre Fraiser Motaneko o ne supa fa go nna pelotelele go tsisa maduo.
Rre Motaneko o tlhalositse fa setlhopha se kopane le dikgwetlho mme ba bona go tshwanela gore ba tshwaragane mo go di lwantsheng gore ba kgone go tswelela pele.
O boletse fa go se motlhofo go bereka le le setlhopha sa batho ba ba farologanyeng.
Mo go tse dingwe, Rre Motaneko o ne a kopa ba ofisi ya tsa temo-thuo go atumetsa setshaba mannaneo a a thusang Batswana go tswa mo lehumeng ka jaana setlhopha sa gagwe se ikemiseditse go a dirisa go itshetsa.
Mo go la gagwe, Mme Dipuo Mokgethi go tswa kwa ofising ya tsadiso leruo kwa Mahalapye o ne a supa fa a lebogela go bona setlhopha sa Boipelego Dam Group se santse se itsetsepetse.
Mme Mokgethi o ne a kopa maloko a setlhopha seo go tswelela ba tlhokometse se ba nang le sone, le go ba rotloetsa go tsaya mananeo a mangwe go okoketsa.
O ne a itsise maloko ao gore ikopelo ya dihutshane ka lenaneo la LIMID e santse e tswaletswe, mme botlhe ba ba neng ba tsentse dikopo pele ga go tswalwa ba tlaa bona thuso.
Mme Annah Lephalo go tswa kwa ofising ya dikgwebo tsa temo-thuo le ene o ne a galaletsa tomagano le tirisano mmogo e e mo setlhopheng sa Boipelego Dam Group.
A re o lebogela go bona setlhopha seo se ntse se eme ka dinao le mo ngwageng o o thata o lefatshe ka bophara le amilweng ke segajaja sa COVID-19.
O ne a supa fa ofisi ya bone e ikemiseditse go thusa ka madi ditlhopha tse di mo kgwebong go fitlhelela di ikemela.
A re ngwaga le ngwaga e tlaa bo e le bone ba ba dupang dibuka tsa kgwebo eo go bona ka fa e tsamayang ka teng. Ends
Source : BOPA
Author : Masego Pulamoeng
Location : Bonwapitse
Event : Phuthego
Date : 08 Nov 2021