Breaking News

Batalaote ba lema ditlhare mo kgotleng

08 Nov 2021

Banni ba Serule e rile bosheng ba lema ditlhare di le masome matlhano go lwantsha go thuthafala ga lefatshe le kgothego ya mmu.

Letsholo leo la temo ya ditlhare, le ne le eteletswe pele ke Mme Tamelo Onamile go tswa kwa lephateng la  dikgwa kwa Selebi Phikwe, yo o neng a tlhalosa ka botlhokwa jwa ditlhare le go ruta morafe ka go di lema le go di tlhokomela.

Mme Onamile o tlhalositse fa ditlhare di tshwere botshelo jwa setshidi sengwe le sengwe, ka jalo go le botlhokwa gore di tlhokomelwe e bile a rotloetsa morafe go di jwala mo malapeng.

A re go a tshwenya go bona batho ba tsweletse ka go rema ditlhare, a re se se bolaya boleng jwa naga, e e leng karolo nngwe ya tsa bojanala.

Mme Onamile o tlhalositse fa go tshwanetse ga lengwa ditlhare ka dinako tsotlhe, go emisetsa tse di suleng le tse di rengwang, go hema sekaka.

A  re naga e e senang ditlhare e tshabelelwa ke dibetso tsa tlholego di tshwana le merwalela, leuba le tse dingwe.

O ne a leboga Rre Seno Mokhondo, yo e leng mogokaganyi wa lenaneo la tlhabololo ya dikgotla, le morafe  wa kgotla ya Botalaote, a supa fa ba le mo tseleng e e siameng ya go babalela tikologo.

Fa a tswa la gagwe, Rre Mokhondo o supile fa bagolo le bogogi jwa Serule ba ne ba kopana go tla ka methale ya go tlhabolola dikgotla tsa motse, mme a  neelwa boikarabelo jwa go kopa ditlhare kwa go ba lephata la dikgwa.

O tlhalositse fa Serule a na le dikgotla di le thataro mme tsotlhe di tlaa lengwa ditlhare.

A re se se santseng se diile ke gore dikgotla  dingwe ga di ise di agelelwe le go tsenngwa metsi.

Rre Mokhondo o supile  fa ditlhare tse dingwe tse di masome a matlhano di ya go lengwa kwa kgotleng e tona.

Kgosana ya Botalaote, Kgosi Metlha Lejowa o supile fa a itumeletse tshwaragano ya ba  lephata la dikgwa le morafe, a re go lema ditlhare go tlaa thusa thata ka kgotla ya gagwe e ne e sena moriti. Kgosi Lejowa o gakolotse morafe ka tiro e tona ya go aga leobo, a gwetlha ba ba santseng ba goga dinao go nna ba atamela, go kopanela ditlhabololo tsa kgotla. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Gaboselwe Olesitse

Location : Serule

Event : Temo ya ditlhare

Date : 08 Nov 2021