Breaking News

CEDA e tlhatlosa mogwebi yo mmotlana

08 Nov 2021

Lekalana la kadimiso madi a kgwebo la Citizen Entrepreneurial Development Agency (CEDA) le tshedisitse melatswana mogwebi yo mmotlana morago ga go babalelwa ke manokonoko a segajaja sa COVID-19.

Fa a bua mo potsolotsong le BOPA ka Matlhatso, mogwebi yo mmotlana, Mme Anna Sebogodi wa dingwaga tse di masome mararo le bone wa Kisa mo Kgalagadi Borwa, o akgoletse CEDA go mo inola mo seretseng morago ga go tsaya lenaneo la CEDA le le neng le diretswe go tsosolosa dikgwebo tse dipotlana mo manokonokong a COVID-19.

Monana yoo a re jaanong o gatetse pele morago ga go tsenya kopo ya go thusiwa ka P4 000 ngwagatlola ka Phalane ka a ne a adingwa madi ao beke fela morago ga go tsenya kopo.

O tlhalositse gore o kwadisitse dipampiri mo Tsabong ka kgwebo ya gagwe e potlana ya semausu e ne e babaletswe ke go tlhagoga ga COVID -19 ka nako ya kiletso mesepele, ka jalo go ne go sena bareki gotlhelele mme kgwebo ya phutlhama.

Mme Sebogodi a re lenaneo la CEDA le le diretsweng go tsosolosa dikgwebo tse dipotlana le mo thusitse go busetsa kgwebo ya gagwe mo serodumong sa yone ka o kgonne go reka dithoto tse di rekisiwang.

A re kgwebo e simolotse go busa dipoelo jaaka pele ebile o kgona go imatswa menwana.

A re o simolotse go tlhabolola botshelo jwa gagwe ka a simolotse go ikagela ntlo, go teratelela setsha, go aga hoko ya dikoko e ka yone a ikaelelang go atolosa letseno.

A re o lebogela CEDA go tsosolosa dikgwebo tse dipotlana mo manokonokong a COVID-19 go sena morokotso mo mading a kadimo.

O tlhalosa gore morokotso o nna fela fa mogwebi a ka tlodisa dikgwedi tse tharo a sa duele mme ene o ne a itoma molomo wa tlase gore a fetse sekoloto ka nako.

Morago ga go akola lenaneo leo, Mme Sebogodi a re o ikaelela go tsaya lenaneo leo gape ka nako ya fa a tlhatlhela dikoko tsa nama ka le mo solegetse molemo.

O boletse fa a simolotse semausu ka go rekisa dilekere le mabudula ka fa tlase ga setlhare ka 2018 mme ya re ka 2019 a aga semausu mme go tlhagoga ga segajaja sa COVID-19 ga mo kgopakgopetsa a sala a iphotlhere.

O supa jalo gore o ne a setse a agile semausu jaanong a tlhoka madi a setoko mme lenaneo la CEDA le ne la mo thusa, ka jalo kgwebo ya gagwe ya simolola go ata.

O ne a tlatsa ka go re ke mongwe wa Batswana ba ba nnileng le lesego la go akola lenaneo leo ka gore fa e ne e se ka lone o kabo a ne a reteletswe ke go tlhabolola kgwebo-potlana le botshelo jwa gagwe.

A re Kisa ke motse o mmotlana mme ga go na ditlamelo tse di kalo, ga o na marekisetso a magolwane, ka jalo banni ba reka mo dimausung di tshwana le sa gagwe mme o ikaelela go tlhatlosa kgwebo gore a kgone go kgotsofatsa babereki. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Calviniah Kgautlhe

Location : Kisa

Event : Potsolotso

Date : 08 Nov 2021