Breaking News

Tona o lekola Sekgoma Memorial

08 Nov 2021

Tona wa Botsogo le Boitekanelo, Dr Edwin Dikoloti a re o tshwenngwa ke ka fa paakanyo ya kokelo ya Sekgoma Memorial kwa Serowe e neng ya tsamaya ka teng ntswa go ne go ntshitswe didikadike tsa madi go e dira.

Rre Dikoloti o buile jaana jaaka fa a ne a etetse kokelo eo bosheng.

A re ga a tlhaloganye tlhaloso e a neng a e fiwa ke bogogi jwa kokelo eo gore go ne ga diragala jang gore paakanyo e seka ya nna yone le gore go seka ga nna le yo o tsayang boikarabelo jwa go bona fa e dirwa sentle.

Ka jalo, o ne a kopa gore a fiwe dikarabo tsa gore go ne ga diragala jang gore kokelo eo e tswelele e nna le mathata morago ga go baakanngwa.

O ne a supa fa go le botlhokwa gore boeteledipele jwa motse, bogolo jang dikgosi, makhanselara le mapalamente ba tshwaragane go fema seemo se se tshwanang le se se diragetseng kwa kokelong ya Sekgoma Memorial go itsa dipego tsa tshenyetso setshaba.

Mo pegong e e neng ya neelwa Dr Dikoloti, bogogi jwa kokelo eo bo ne jwa supa fa dipaakanyo tsa kokelo eo di ne tsa wediwa ka kgwedi ya Motsheganong mme ya tswelela ka bothata jwa marulelo a a rothisang metsi mme rakonteraka a tla a tswelela ka go dira dipaakanyo.

Mo go tse dingwe, Dr Dikoloti o ne a supa fa lephata la gagwe le le mo letsholong la go ngoka ba-na- le seabe go tshwaraganela dikgang tsa botsogo mo maitekong a go di tokafatsa.

A re ba na le seabe sa botlhokwa ka jaana ba ne ba itshupa ka nako ya fa bolwetse jwa COVID-19 bo gaketse.

A re ka nako eo go ne ga bonala fa puso ka bonosi e ka seka ya kgona dikgang tsa botsogo.

A re go botlhokwa gore ba-na-le seabe ba atamelane le puso ba tle ba tsee maemo a bone mo dikgannyeng tsa botsogo.

Rre Dikoloti o ne gape a etela lefelo le go simololwang kago e go tlaa bong go tlamelwa balwetse ba ba gateletsweng ke tiriso ya ditagi mo go yone.

Kago ya lefelo leo e sa tswa go simolola mme e neetswe ba khamphani ya Pres-Co e e eteletsweng pele ke Rre Lee Hua.

Rre Dikoloti o ne a etela kokelwana e e ikemetseng ya Mohaung Medical Centre le ya meno ya Aiden Dental Care mo Serowe go utlwa ka fa ba dirang ka teng.

O ne a tlhalosa fa a ne a etela ba ba ikemetseng ba botsogo e le ntlha nngwe ya go ba kaela maemo a bone mo go se se tsweletseng.

A re puso e na le thulaganyo e e tlaa reng go ya pele, fa go nang le dikago tse di sa dirisiweng teng, ba ba ikemetseng ka nosi ba di dirise mme ba ntshe bonnyennyane.

A re se se tlaa fokoletsa puso ditshenyegelo le go thusa dingaka tse di ikemetseng tse di neng di sena bokgoni jwa go hirisa dikago.

O ne a supa fa puso e tsweletse ka go nonotsha ba ba ikemetseng ka e le bone ba ka tlhamang ditiro. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Portia Rapitsenyane

Location : Serowe

Event : Loeto

Date : 08 Nov 2021