Khamphani ya Tonias e aba ntlo
07 Nov 2021
Khamphani ya Tonias Investment e akgoletswe lorato le bopelotlhomogi, morago ga go agela Mme Kedisaletse Phakedi wa Mmopane ntlo.
Khamphani eo e tsile Mme Phakedi matshidiso a sena go lemogwa ke ba Cheshire Foundation ka lebaka la gore o tlhokomela bana ba gagwe ba le babedi ba ba nang le bogole.
Fa a bua kwa moletlong wa go aba ntlo eo bosheng, Mopalamente wa Mmopane/Lentsweletau, Mme Nnaniki Makwinja o ne a galaletsa Tonias Investment, a bo a leboga botlhe ba ba nnileng le seabe mo kagong ya ntlo eo, a re seo se file Mme Phakedi le ba lelapa la gagwe seriti.
Mopalamente o supile fa go itumedisa go bo go na le batho ba ba santseng ba supa mowa wa kutlwelobotlhoko, a re o tsamaelana le maiteko a puso a gore go seka ga tlogelwa Motswana ope kwa morago mo go akoleng meamuso ya lefatshe leno.
Mme Makwinja, yo gape e leng mothusa tona wa thuto go tswa kwa moding, o boletse fa puso e le nosi e ka seka ya kgona sengwe le sengwe, ke ka jalo e thusanang le makalana a a ikemetseng jaaka Cheshire Foundation le bagwebi ba ba kutlwelobotlhoko.
O ne a itlama go thusa ba lelapa leo ka dijo kgwedi le kgwedi, morago ga gore Mme Phakedi a kae fa a sena nako ya go batla tiro ka a na le ngwana yo o sa kgoneng go iterala sepe, e bile a sa tsamae.
Rre Tendai Danga wa Tonias Investment o boletse fa ba lekgotla la kabo-ditsha ba ne ba nna majato mme ba aba setsha se ba agileng ntlo ya dikamore tsa borobalo di le pedi mo go sone.
Bangwe ba ba-tsena moletlo oo ba ne ba itlama go tswelela ba tlhokomela lelapa leo, fa ba lephata la tlhokomelo ya ba-na-le bogole ba ne ba ntsha kolotsana ya ba-na-le bogole. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : BOPA
Location : Molepolole
Event : Kabo ntlu
Date : 07 Nov 2021