Ba ikuela mo maphateng a puso
07 Nov 2021
Banni ba Otse mo kgaolong ya Shoshong ba kopile mopalamente wa bone go ba kopela maphata a puso go araba dilelo tsa bone.
Ba ntshitse kopo eo mo phuthegong e e neng e buisiwa ke Mopalamente Aubrey Lesaso bosheng.
Kgosi Boithamako Keipone wa Shoshong o boletse fa ba tlhoka ba lekgotla la kabo ditsha, ba koporase ya metsi le ba ya motlakase go tla go ba buisa le go araba matshwenyego a bone.
O supile fa ditsha dingwe di se na motlakase le metsi, a tlatsa ka go re fa batho ba batla go itsenyetsa ba bolelelwa fa ditsha tsa bone di se mo moalong.
Mongwe wa banni, Rre Alfred Atlholang a re nako tsotlhe fa ba na le matshwenyego ba bolelelwa fa a tlaa isiwa kwa go ba ba maleba, mme ba tlhoke dikarabo.
Ka jalo o ne a kopa gore batho ba ba maleba ba lalediwe go tla go kopana le banni mo motseng go araba dilelo le dikgwetlho tse ba lebaneng le tsone.
O ne a kopa gore tsela ya Otse-Mokgenene e gopiwe, bogolo morago ga dikgwedi tse tharo.
Monana Mme Safina Leoifo o ne a tlatsa ka go re mopalamente o setse a itse dilelo tsa bone, ka jalo go tlhokega gore a tsise ba ba tshwanetseng go ba tsenyetsa ditlamelo tse ba di tlhokang.
Mme Leoifo a re gongwe fa maphata a a lebaneng a ka tla go utwa selelo se se mo motseng wa bone ba tlaa tsaya kgato ka jaana ba tlaa bo ba iponetse se se diragalang.
Fa a akgwa banni dikgaba, Rre Lesaso o ne a tlhalosa fa a tlaa dira gore botona ba maphata ba etele mo kgaolong ya gagwe.
O supile fa mo bosheng, tona wa botsogo le boitekanelo, Dr Edwin Dikoloti a ne a lekola dikokelo le dikokelwana tse di mo kgaolong eo.
A re tona Dr Dikoloti o ne a ba solofetsa koloi ya kokelwana, a supa fa koloi eo e tlaa thusa Otse, Mokgenene le Kodibeleng.
Rre Lesaso o ne a tlhalosetsa banni gore kokelo ya Shoshong e tlaa simolola go belegisa, a supa fa go tlaa bo go le gaufi go na le go ya kwa Mahalapye.
Le fa go ntse jalo, Rre Lesaso o ne a ngongoregela ka fa komiti ya ditlhabololo tsa motse oo e sa direng tiro ka teng ka e paletswe ke go mo fa tekodiso e e tletseng.
O kopile komiti eo go tshwaragana le go bereka ka natla ka jaana e le bone palamente ya motse.
Mo go tse dingwe, Rre Lesaso o ne a gakolola banni go tswelela ba ipabaletse go itsa go tsenwa ke mogare wa COVID-19, a tlatsa ka go rotloetsa banana ba ba dingwaga tse di lesome le borobabobedi go ya kwa go tse di masome a mabedi le borobabongwe go ya go tsaya mokento wa COVID-19.
Mokwaledi wa ga mopalamente, Rre Motukisi Moremi o ne a gakolola banni gore ba seka ba tshaba go isa matshwenyego a bone kwa ofising ya mopalamente e e mo kwa Shoshong.
Mokhanselara wa kgaolo eo, Rre Lebitso Merementsi o ne a lebogela go tla ga mopalamente mo kgaolong go lekola banni le go utlwa matshwenyego a bone.
O ne a kopa mopalamente go latedisa kgang e mo go yone dikgosana dingwe mo motseng di nang le dingwaga tse pedi di sa bone dituelo. Ends
Source : BOPA
Author : Masego Pulamoeng
Location : Otse
Event : Phuthego
Date : 07 Nov 2021