Breaking News

Monna o a sidilega kwa Princess Marina

06 Nov 2021

Monna mongwe wa masimo a Sekokwane kwa kgaolong potlana ya Good Hope o a sidilega kwa kokelong ya Princess Marina kwa Gaborone.

Motshwarelela ramapodisi a Good Hope, Rre Meshack Gaboswele, o boletse mo potsolotsong fa ba ne ba amogela pego bosheng fa go na le monna yo o tlhabilweng ke yo mongwe ka sengwe se se bogale.

A re monna yo o ne a ragosediwa kwa kokelong ya Good Hope mme ya re a tsena koo a fetisediwa kwa Princess Marina.

Rre Gaboswele o boletse fa ba tshegeditse mmelaelwa, mme ditlhotlhomiso di tsweletse go bona se se ka tswang se bakile tlhoka kutlwisisanyo ga reng ga bobedi joo.

Mo go tse dingwe, Rre Gaboswele o boletse fa ba tshegeditse mosadi mongwe wa dingwaga tse di masome a matlhano le botlhano wa Good Hope yo go belaelwang a tshubile dilwana tsa ntlo ya gagwe.

A re ditlhotlhomiso di supile fa ntlo e ne ya seka ya kapa molelo mme ga a sha dilwana le diaparo fela.

Kwa Mmathethe, Rre Gaboswele o boletse fa ba le mo patlong ya magodu a a thubileng ba bo ba utswa dithoto di akaretsa dimente, dipale tse di agang terata le terata, tsotlhe e le tsa P19 000.

O supile fa madirelo ao a a rekisang dilo tsa kago a sena badisa dikago mme a re gangwe le gape ba gakolola beng ba madirelo go thapa badisa dikago.

Rre Gaboswele a re ba santse ba le mo patlong ya balaelwa.  Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Aobakwe Molefhi

Location : Good Hope

Event : Potsolotso

Date : 06 Nov 2021