Kgokgontsho ya bomme le bana e ile magoletsa
04 Nov 2021
Mookamedi wa sepodisi sa Botswana, Rre Keabetswe Makgophe are tshekatsheko ya basepodisi mabapi le melato e e amanang le kgokgontsho ya bong, e supa fa dipalo tsa melato e tshwana le ya polao, tiriso botlhaswa ya bana ba dingwaga tse di kwa tlase, go itseela dikobo ka dikgoka le molato wa matshosetsi a polao, di ile magoletsa mono ngwaga fa go tshwantshanngwa le ngogola.
Rre Makgophe o buile seo kwa tshimolodisong semmuso ya malatsi a masome marataro a go lwantsha borukuthi le dikotsi tsa tsela kwa Tutume, bosheng.
A re magareng ga kgwedi ya Hirikgong le Lwetsi ngongola, melato ya polao e nnile 151, fa monongwaga e le 169, fa molato wa go itseela dikobo ka dikgoka e nnile 1 393 fa go tshwantshanngwa le e le 1 255 ngogola.
Rre Makgophe a re kgokgontsho ya bomme le bana e santse e tshwenya fela thata mo lefatsheng ka bophara ka jalo puso ga e a nna moriti o tsididi ka dikgang tseo, e leka ka bojotlhe go lwantsha seemo.
O kopile batho go tshwaragana le mapodisi go lwantsha dikgang kana mefuta yotlhe ya kgokgontsho.
A re nngwe ya maiteko a go lwantsha dikgwetlho tseo ke go tlhomiwa ga lekalana le le tlaa thusang mo dikgang tsa mefuta o o,la gender and child protection branch.
Rre makgophe o ne a kopa batho go itshwara sentle le go fokotsa melato ya dikotsi tsa tselaa jaaka go ipaakanyetswa malatsi a boitapoloso a matsalo a morena.
Mo go tse dingwe, o ne a supa fa ba sa jesiwe di welang ke bangwe ba ba ikgatholositseng go obamela melawana ya COVID-19.
A re boitsholo jo bo duleng mo tseleng, bo busetsa maiteko a puso kwa morago, ka bo anamisa kanamo ya mogare wa Corona. O ne a kopa mongwe le mongwe go ititaya ka thupana go obamela melawana e e beilweng pele ke ba botsogo mabapi le mogare ka nako tsotlhe. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tebogo Masuruke
Location : Tutume
Event : Tshimolediso semmuso
Date : 04 Nov 2021