Breaking News

Ofisi ya CEDA e tlaa bulwa mo Tsabong

04 Nov 2021

Banni ba Kgalagadi Borwa ba boleletswe  fa ofisi  ya kadimiso madi a kgwebo ya Citizen Entrepreneurial Development Agency (CEDA) e tlaa bulwa kwa Tsabong mo bogaufing.

Fa a buisa phuthego ya  kgotla  kwa Omaweneno bosheng Mopalamente wa Kgalagadi Borwa Rre Sam Brooks a re o ne a tsenya kopo mo go moeteledipele wa CEDA Rre Thabo Thamane a kopa gore a bule ofisimo kgaolong. 

O  tlhalositse gore go tlhoka setsha ke gone go ntseng go itsa CEDA go bula kwa kgaolong eo mme jaanong khansele ya Kgalagadi e dumetse go ba adima sekidi sa lefatshe mo setsheng sa khansele gore ba CEDA ba tlhome di Caravan fa ba santse ba emetse go bewa setsha.

Mopalamente o tlhaloseditse banni gore dipaakanyo di tsweletse ka jalo banni ba tshwanetse ba nona pelo ka mathe ka ba CEDA ba solofelwa go bula mo Tsabong mo bogaufing.

Rre Brooks a re go na le tlhaelo ya boroko jwa babereki mo kgaolong eo ka jalo a kopa banni gore ba age matlo a khiriso gore ba tle ba kgone go oba lebogo.

Mopalamente o ne a re ke maikaelelo a puso go tokafatsa matshelo a Batswana ke ka moo Tautona Dr Mokgweetsi Masisi a neng a baya monwana molao wa Economic Inclusion Act bosheng, o ka one puso e ikaelelang go ntsha Motswana mongwe le mongwe mo lehumeng. O tlhalositse gore molao oo o tlaa tlama khansele nngwe le nngwe go reka mo kgaolong e e mo go yone mme seo e le maiteko a go rotloetsa Batswana gore ba tsene mo dikgwebong.

O rotloeditse banni gore ba inaakanye le go dira dithoto tse di nang le boleng go tswa mo go rekiseng thobo kana leruo lwa bone ba sa dira sepe.  

Mo go tse dingwe Rre Brooks o boleletse banni ba motse wa Omaweneno gore o ne a kopile gore tsela e e tswang Kokotsha e ya Tsabong e dirwe ka e le kgologolo gape e setse e le dikhuti mme kopo ya gagwe ya retela ntateng ya tlhaelo ya madi.

 A re tsela eo jaanong e tlaa ntshafadiwa fela fa godimo mme go tlaa dirwa tsela e e tswang kwa Mmathethe e ya Bray. Are seo se tlaa tokafatsa moalo wa ditsela mo kgaolong eo ka jalo go tlhofofatse mesepele ya batho.  O tladitse ka gore dipuisanyo di tsweletse gore go dirwe tsela e e tswang Werda e ya Bray.

Moeteledipele wa komiti ya ditlhabololo, Rre Etsanyang Gaseleme a re go na le letlhoko la motlakase kwa ntlheng ya botlhabatsatsi jwa motse oo,a tlatsa ka gore seo se itsa ditiro dingwe tsa komiti eo go tswelela.

 O tlhalositse gore ba lephata la kabo ditsha ba segetse banni ditsha le ba lephata la metsi ba segile mela ya metsi mme ba motlakase ga ba ise ba goroge ka gore ga goyo mo mmepeng wa bone go gokela motlakase ntlheng eo ya motse. Ka jalo o ne a kopa ba koporase ya motlakase go tsenya ntheng eo ya motse mo mmepeng.

Rre Gaseleme are ba lephata la kabo ditsha ba golagane le ba lephata la temo thuo ba segile ditsha tsa dipolasi tsa dihutshane tsa sekgala sa 500 X 500 metres mme a kopa gore barui ba motse ba beelwe sekidi sa lefatshe gore ba kgone go akola mafudiso.

O ne a re o tshwenngwa ke matlo a le mabedi a sepatela a a agilweng mme a digela ngwaga wa borataro a sa dirisiwe ka gore go bolelwa fa a sa agiwa sentle. 

Ka jalo matlo ao jaanong a setse a fetogile mafelo a dirukutlhi, mme a kopa gore seemo seo se tsibogelwe ka go bitsa borakonteraka go tla go feleletsa matlo ao.

Kgosi Samuel Bimbo ene o kopile mopalamente gore a buelele batho ba motse oo gore dijo tsa leruo di fokodiwe ditlhwatlhwa ka melelo ya naga e fokoditse phulo ya leruo. Gape o ne a kopa gore mafelo a diphologolo a fokodiwe gore barui ba okelediwe mafudiso. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Calviniah Kgautlhe

Location : Omaweneno

Event : Phuthego

Date : 04 Nov 2021