Breaking News

Tona o rotloetsa banni go dirisa mananeo go intsha mo lehumeng

04 Nov 2021

Mothusa tona wa lephata la dikgaolo le tlhabololo magae, Rre Mabuse Pule a re puso e itlamile go ntsha Batswana mo lehumeng.

Rre Pule o buile se mo phuthegong ya baeteledipele ba motse wa Tsetseng mo kgaolong ya botlhophi ya Takatokwane ka Mosupologo. 

O kgothaditse Batswana go dirisa mananeo a puso ka go farologana a diretsweng go ba thusa go inamola mo lehumeng.

O tlhalositse gape fa tsholofelo ya puso e le go bona bao ba ba tlhokomelwang ke lephata la boipelego ba kgona go gola le go ikemela . 

Mothusa tona o tlhalositse fa loeto la gagwe le tla morago ga gore tona wa lephata leo, Rre Eric Molale a etele motse wa Tsetseng mme a fitlhela seemo sa botlhoki se se ngomolang pelo.

Ka jalo a re maikaelelo magolo a loeto la gagwe kwa motseng oo e ne e le go sekaseka seemo seo mme e tlaa re morago ba ye go buisana gore ba ka thusa banni jang. 

A re se se itumedisang ke gore ba thusiwa ka dijo ka jalo ga ba bolawe ke tlala mme seemo sa boroko sone se ngomola pelo. 

Le fa go ntse jalo, o ne a rotloetsa banni go tswa ka maano kgotsa megopolo ya go intsha mo le lehumeng le go tokafatsa matshelo a bone.

Mothusa tona o ne a supa fa palo ya batlhoki e sa tshwanela go oketsega ka jalo a ba rotloetsa go dirisa mananeo a puso go tokafatsa matshelo a bone. 

Rre Pule a re COVID-19 e rutile Batswana go ikemela ka dinao le go dira ka natla go itshetsa, bogolo jang mo thekisong ya dijo ka seo se ne sa runya lefatshe ka bophara.

Mo tekodisong ya gagwe, modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo, Rre Action Maphale o ne a lebogela loeto la ga Rre Pule, a supa fa ba itumetse ka e rile Rre Molale a ba etetse ba itela mo go ene go oketsa dijo tsa bana kwa sekolong se se botlana mme kopo ya bone e arabilwe.

A re le fa go ntse jalo, letlhoko la motlakase mo motseng wa bone le ba baya ka fa mosing, bogolo jang mo nakong ya gompieno ya tiriso ya maranyane.  

Fa a bua ka batlhoki, o ne a kaya fa ba sa tlhokomelwe sentle mme gape a kopa gore go sekasekiwe go bona bao ba nang le botlhoki jo bontsi gore ba thusiwe.

O ne a supa gape fa kgokgontsho ya bana le bomme e tshwanetse ya emelwa ka dinao mo motseng wa bone. 

Mookamela lephata la boipelego, Rre Joseph Kgabanyane, o ne a bolelela banni fa e le boikarabelo jwa batsadi go tlhokomela bana ba bone. 

A re molao wa bana (Children’s Act) wa 2009 o supa sentle gore ditshwanelo tsa bana ke di fe e bile ba tshwanetse go tlhokomelwa jang.

Rre Kgabanyane a re batsadi ba ba itlhokomolosang tlhokomelo ya bana ba tlaa tseelwa dikgato go ya ka fa molaong. A re ba ba sa begeng kgokgontsho ya bana le bone ba tseelwa dikgato tse di gagametseng. 

Go le pele, Kgosi Gabantshwele Bongbong o ne a ntsha matshwenyego ka ditlhabololo tse di boutsana mo motseng wa gagwe. 

O ne a kopa gore ba thusiwe ka motlakase ka o le botlhokwa mo matshelong a bone.

Kgosi Bongbong o ne gape a kopa batsadi go emela thuto ya bana ka dinao ka seo se thusa barutabana go tia moko le go dira ka natla. 

A re o lemogile fa batsadi bangwe ba sa iphe nako ya go lekola dithuto tsa bana kwa sekolong.

Mopalamente wa Takatokwane, Rre Friction Leuwe o ne a leboga molaodi wa kagolo potlana ya Letlhakeng, Mme Ikgopoleng Lekoape le mogolwane wa khansele, Rre Joseph Segopa go bo ba bone go tshwanela go emela seemo sa botlhoki mo motseng wa Tsetseng ka dinao.

A re nako le nako ba supa fa ba na le maikaelelo a go direla kgaolo ya Letlhakeng ka botswapelo mme seo se tiisa moko fela thata ebile  se fa tsholofelo mo go fetoleng matshelo a batho. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Booster Mogapi

Location : Tsetseng

Event : Phuthego

Date : 04 Nov 2021