Dikokelo di tlaa baakanngwa
04 Nov 2021
Tona wa botsogo le boitekanelo, Dr Edwin Dikoloti a re lephata la gagwe le mo thulaganyong ya go baakanya dikokelo tsa Letsholathebe Memorial kwa Maun, Scottish Livingstone kwa Molepolole le Sekgoma Memorial mo Serowe.
Rre Dikoloti o buile se mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke Tautona Dr Mokgweetsi Masisi mo Serowe bosheng.
O tlhalositse fa dikokelo tseo di tlhoka go baakakanngwa ka jaana di tsenya metsi mo marulelong.
O ne a tlhalosetsa banni fa go ntse go na le rakonteraka mongwe yo o neng a dira dipaakanyo kwa kokelong ya Sekgoma Memorial mme a fetsa ka kgwedi ya Motsheganong ka jalo a seka a digela tiro ya gagwe mme o tshwanetse go e feleletsa.
Ka jalo, Rre Dikoloti o ne a ikuela mo go baeteledipele ba motse go nna le seabe ka nako tsotlhe fa go nna le ditlhabololo mo motseng wa bone.
A re ba tshwanetse ba rurifatse gore madi a setshaba a dirisiwa sentle. A re tshenyetso setshaba e tshwanetse ya lwantshiwa ka fa ditiro tsa puso di sa wele sentle setshaba se ka babalelwa.
Fa a tsibogela kopo ya go oketsa dikokelo tse di tlaa dirang letsatsi lotlhe (24 hrs), o ne a supa fa kokelo e kgologolo ya Sekgoma Memorial e tlaa nna nngwe ya tse di tlaa dirang letsatsi lotlhe.
Mo go tse dingwe, Rre Dikoloti o ne a itsise banni ba Serowe fa lefatshe le setse le amogetse mekento ya COVID-19 e le 1 912 844 mme mekento eo e ne ya goroga ka bontsi mo kgweding ya Phalane.
A re puso e ne ya ipaya pele gore e nne puso e e tsamaisiwang ke itsholelo e e ikaegileng ka dikitso.
A re puso e na le thulaganyo le dikompone dingwe gore lefatshe le seka la reka melemo fela mme le nne bontlha bongwe jwa dipatlisiso tsa melemo ya COVID-19.
Rre Dikoloti o tsweletse a re thulaganyo ya go kentelwa COVID-19 e tshwanetse ya simolole kwa malwapeng a supa fa tshireletsego ya motho e le mo go ba a tshelang le bone.
A re fa motho a ikenta o sireletsa le yo a nnang le ene kwa lwapeng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Portia Rapitsemyane
Location : Serowe
Event : Phuthego
Date : 04 Nov 2021