Breaking News

Bomme ba kgothadiwa go kwadisa boimana

04 Nov 2021

Bomme ba kopilwe go ikwadisetsa boimana ka nako gore ba fenye dingwe tse di ka bakang go tshola pele ga nako.

Fa a bua mo potsolosong, mogolwane wa sepatela sa Princess Marina a itebagantse le bana ba e leng gone ba tsholwang, Mme Margaret Kagiso, o ne a re lefatshe la Botswana le amilwe thata ke bana ba ba tsholwang pele ga nako.

Mme Kagiso a re ka jalo, go botlhokwa gore fa mme a itsholofetse, a ikwadise kwa kokelong mo kgweding ya ntlha, a re moo go tla thusa gore ngwana a sirelediwe kgotsa mme a fiwe ditlamelo tse di tla thusang gore ngwana a gole sentle mo sebopelong. A re go kwadisa ka nako go botlhokwa go lebeletswe gore ditlhatlhobo tsotlhe di tla dirwa gore ngwana a sireletsege, mme ebile gore mme yo itsholofetseng o ka fiwa tsela ya go itlhokomela gore ngwana a tle ka nako.

Are seo se ka thusa go fokotsa matshwenyego a botsadi bo kopanang nao fa ngwana a tshotswe pele ga nako. Mme Kgaiso a re e le ba Princess Marina, ba tshwentswe ke go bo bana ka bontsi ba tsholwa pele ga nako, a tlatsa ka gore ba ba tshotsweng pele ga dikgwedi di wela ba tshabelelwa ke go tlhokafala, mme a re seo se ka kganelwa.

Fa a itebaganya le dipalo, ngaka ya bana kwa Princess Marina, Dr Chada Kgwarae o ne a tlhalosa fa ngwana a le mongwe mo lesomeng, a tsholwa pele ga nako. 

A re mo Botswana bana ba le lesome le bobedi mo lekgolong ba tsholwa pele ga nako.

O ne a tlhalosa gore kwa sepateleng sa Marina fela, bana ba le 980 ngogola ba tshotswe pele ga nako, mme mono ngwaga bana ba le 311 ba tshotswe pele ga nako, ka jalo a re ke palo e ntsi fela thata.

“Ke kgwetlho ka gore dipalo tseo ke tsa Princess Marina fela, ga di akaretse dikgaolo tse dingwe mo Botswana,” ga tlhalosa Dr Kgwarae. 

Dr Kgwarae a re dintsho tsa bana bao le tsone di ile magoletsa, a re ngogola go tlhokafetse bana ba le 117, fa mono ngwaga go setse go tlhokafetse bale 74. 

O boletse gore mabaka mangwe a dirang gore ngwana a tsholwe pele ga nako, a akaretsa go nwa bojalwa le go goga motsokwe motho a le mo mmeleng. 

A re malwetse mangwe a akaretsang jwa dikobo, jwa madi a matona, jwa sukiri a ka dira gore ngwana a belegwe pele ga nako.

Dr Kgwarae o boletse gore sengwe gape ke gore bana ba ba tsholwang pele ga nako bo mmaabone ba a bo ba le bannye ka dingwaga, mme mebele ya bone e ise e tiye go ka tshola ngwana. Bongaka bo rotloetsa gore ngwana o ka tsholwa ke motho a le dingwaga di lesome le boferabobedi le go feta, a re ka moo mmele wa mosadi wa bo o nonofile go ka tshwara ngwana.

Mo go tse dingwe, Dr Kgwarae o ne a rotloetsa gore mme yo itsholofetseng a je dijo tse di nang le dikotla, jaaka maungo. 

Dr Kgwarae a re ngwana yo tshotsweng pele ga nako, o tshabelelwa ke go ruruga mala le go angwa ke megare e mo tikologong jaaka go tshabelelwa ke botsididi, go sitwa, go tlhoka go hema sentle, mme bomme ba ka dibela seemo seo ka go ikwadisetsa boimana ka nako kwa dikokelong. A re go ya tshidilong kwa kokelong kgwedi le kgwedi ga bomme, go thusa gore mangwe malwetse a ka bakang tsholo pele ga nako a kgone go alafiwa. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Lesedi Thatayamodimo

Location : Gaborone

Event : Potsolotso

Date : 04 Nov 2021