Banni ba rotloediwa go lwantsha kanamo ya kgotlholo e tona
03 Nov 2021
Batswana ba kgothaditswe go dira maiteko otlhe go thibela mogare wa kgotlholo e tona.
Fa a bua kwa thuto-seka-dipuisanong ya bolwetse jwa kgotlholo e tona kwa Letlhakeng bosheng, Mogolwane go tswa kwa ofising ya botsogo, Mme Idah Kabasia o ne a re mogare o ka thibelwa fa batho ba nna ba butse matlhabaphefo, go nna fa ntle nako e ntsi le go fokotsa go kgotlhagana.
Mme Kabasia o tlhalositse fa dikai tsa mogare wa kgotlholo e tona e le go fufula bosigo mo go sa tlwaelesegang, go gotlhola, mhikela le go latlhegelwa ke mmele mo go feteletseng.
A re motho fa a ikutlwa a sa tsoga sentle, a ikgogele fa bongakeng ka bofefo go tlhatlhobiwa le go tsaa kalafi fa a ka tshwarwa ka mogare. O tlhalositse fa mongwe le mongwe a letlelelwa go itlhatlhobela mogare wa kgotlholo e tona fa a belaela gore o na le dikai tsa teng.
O tlhalositse fa mogare wa kgotlholo e tona o kgona go iphetola o nna o o gananang le dipilsi fa molwetse a sa tsee dipilisi sentle, mme o tsee nako go alafesega.
Rre Kelebile Kefitlhile go tswa kwa ofising ya botsogo kwa Letlhakeng, o ne a supa fa go le botlhokwa gore motho a je dijo tse di fang maatla, a re dijo tse di botlhokwa thata mo mmeleng ke merogo le maungo.
Erile ba akgela, ba-tsena thuto seka-dipuisano eo, ba supile fa ba itumeletse thuto eo thata, ba bo ba supa fa ba ne ba dira dilo dingwe ka go tlhoka kitso, mme ba kopa gore ba botsogo ba atolose thuto ya bone.
Ba supile fa ba bona go le thona gore motho a bolawe ke mogare wa kgotlholo e tona, wa HIV, kana gore ngwana a tsholwe a na le mogare wa HIV mo nakong ya gompieno. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Puseletso Kenyaditswe
Location : Letlhakeng
Event : Thuto-seka-dipuisanong
Date : 03 Nov 2021