Dipalo tsa baithuti ga di na go oketswa
03 Nov 2021
Puso e tlaa tlhomamisa gore dipalo tsa baithuti mo matlong a borutelo ga di oketsege e le tsela nngwe ya go kganela go anama ga mogare wa COVID-19 mo dikoleng.
Se se builwe ke tona wa lephata la thuto go tswa kwa moding, Rre Fidelis Molao kwa phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke Tautona Dr Mokgweetsi Masisi mo Serowe ka Labobedi.
O supile fa maikaelelo a puso e le go tswelela ka dipalo tsa baithuti ba le masome a mararo go itsa go kgotlhagana ga baithuti mo matlong a borutelo le fa bolwetsi jwa COVID-19 bo ka fela.
Rre Molao o ne a tsibogela dikakgelo tsa modulasetilo wa ditlhabololo tsa motse, Rre Teko Thokweng.
A re puso e tlaa leka gape fa go kgonagalang teng go oketsa matlo a borutelo mo dikoleng.
Mo kopong ya gore go agiwe sekole se segolwane kwa motseng wa Serowe, Rre Molao o ne a supa fa lephata la gagwe le ntshitse lekoko le le sekasekang dikole tsotlhe lefatshe lotlhe go bona tse di ntseng di le teng tse di ka godisiwang go tsaya mophato wa ntlha go fitlha kwa go wa botlhano (Form 1 to 5).
A re lephata la gagwe le na le thulaganyo ya lenaneo la go baakanyetsa bana mpohato wa ntlha (early childhood) mme mo Serowe go na le dikole di le lesome le bongwe tse di nang le lenaneo leo.
A re e re ka jaana go na le tlhaelo ya dikago thulaganyo eo ya go baakanyetsa bana mophato wa ntlha e dirwa ngwaga o le mongwe.
Rre Molao o ne a tlhalosa fa tlhaelo ya matlwana a borutelo e bakilwe ke go fokotsa baithuti mo matlwaneng a borutelo ka nako ya fa COVID-19 e simologa.
Mo go tse dingwe, tona o ne a ntsha matshwenyego ka maduo a dikole a a reng ga a itumedise le botlhokatsebe jwa baithuti. A re seemo se se tlhoka tshwaragano ya barutabana le batsadi ka barutabana ba ka seka ba kgona ba le nosi.
A re lephata la gagwe le mo maikaelelong a go tokafatsa thuto ka go simolodisa go ruta baithuti ba lekwalo le le kwa tlase mo mafelong a a farologaneng ka puo ya bone ka jaana ditshekatsheko di supile fa ngwana a dira botoka fa a rutiwa ka teme ya gagwe.
Rre Molao a re se se tlaa thusa go atolosa moalo wa thuto. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Portia Rapitsenyane
Location : Serowe
Event : Phuthego
Date : 03 Nov 2021