Pantsula association e aba ntlo
03 Nov 2021
Botswana Pantsula Association e agetse mongwe wa bagaka ba pele ba mmino wa sepantsula, Rre Frankel Lesego, wa kgotla ya Borotsi mo Mahalapye, ntlo ya madi a fetang P100 000.
Fa a rolela Rre Lesego, yo o tlwaelesegileng ka leina la Frankel, ntlo ya gagwe semmuso ka Matlhatso, Tona wa Dikago le Tlhabololo Matlo, Dr Thapelo Matsheka o akgoletse Botswana Pantsula Association mowa wa boithaopo le bopelotlhomogi jo ba bo supileng ka go agela mong ka bone ntlo ya dikamore tsa borobalo tse pedi.
“Tiro e lo e dirileng e, jaaka lo e simolotse mo kgaolong ya legare, e bile le tshepisa fa le tla tswelela ka go e dira mo dikgaolong tse dingwe, e ntira motlotlo go bo ke ikamantse le mokgatlho wa lona,” ga bua Dr Matsheka, yo gape e leng patron ya Botswana Pantsula Association.
Se se dirilweng ke maloko otlhe a makalana a masome mabedi le bofera bongwe a Botswana Pantsula Association mo Botswana, Dr Matsheka a re ke sone bokao jwa mowa wa popagano o puso e o rotloetsang, ebile se supa fa ba tlhaloganya gore botshelo bo na le dikgwetlho.
Dr Matsheka o lebogile a bo a akgola le bana-le-seabe botlhe ba ba nnileng le seabe mo go atlegeng ga tiro e, mme a kopa Rre Lesego go babalela ntlo ya gagwe.
“Mongwe le mongwe mo botshelong o eletsa gore a nne le mosasana wa gagwe, mme ga se rotlhe ba re kgonang. Ke lo rotloetsa go tswelela ka tiro e ntle e lo e dirang e, e bile ke lo tlhomamisetsa gore ke tlaabo ke na le lona,” a tlatsa.
Dr Matsheka a re pele a amogela kopo ya Botswana Pantsula Association ya gore a nne patron ya mokgatlho wa bone, o ne a botsa gore maikaelelo a bone ke eng.
Morago ga go utlwa fa maikaelelo a matona a mokgatlho o, e le go ema kgatlhanong le tiriso ya diritibatsi, maitsholo a sa ageng setshaba le kgokgontsho ya bong, a bona go le maleba gore a ikamanye le one.
Mo mafokong a gagwe a kamogelo, mo boemong jwa Kgosi ya Mahalapye, Kgosi ya Taupye, Kgosi Dipau o ne a lebogela Dr Matsheka go bo a bone go le maleba go tla go abela Re Lesego ntlo ya gagwe semmusu, a gatelela gore go nna le bonno go botlhokwa ka go fa motho seriti.
Mopalamente wa Mahalapye Bophirima, Rre David Tshere o supile fa a itumelela go bona tiro e e wetse, a bo a akgolela botsadi jwa ga Rre Lesego Tshwaragano e ba e supileng ka go ema tiro ya ngwana wa bone nokeng.
Mo go tse dingwe, mopalamente o rotloeditse setshaba go tswelela ka go rwala dibipa nko le molomo go ipabalela mo segajajeng sa COVID-19, se se santseng se le teng.
Mookamedi wa Botswana Pantsula Association, Rre Peter Modise o lebogetse Dr Matsheka go bo a iphile sebaka sa go tla go abela Frankel ntlo e ba e mo agetseng semmusu, a re seo se a ba itumedisa. Rre Modise gape o lebogetse Mopalamente Tshere la ba lelwapa la gagwe kemonokeng e ba saleng ba e ba neela go tloga ka nako ya tiro e, e simologa go fitlhela e wela.
A re ba na le sebaka sa ngwaga ba ntse ba aga ntlo e, ka thuso le thotloetso ya Mopalamente Tshere le bana-le-seabe ka farologana, bogolo jang Builders World, Pakistan Trading, Furniture Mart le Broadway Toyota.
Fa a tsibosa ka seemo sa borukutlhi, mogolwane wa mapodisi a Mahalapye Legare, Superintendent Boitshepo Mudongo o akgoletse Botswana Pantsula Association go bo e thusana le sepodisi mo go lwantsheng borukutlhi ka go ema kgatlhanong le tiriso ya ditagi le kgokgontsho ya bong.
Le fa gontse jalo, Supt. Mudongo o supile matshwenyego ka bao ba ba santseng ba tsweletse ka go kgokgontsha bomme le bana le gone go bolaya.
Seemo se, a re se a tshwenya, a tlatsa ka gore fa e sale seemo sa tshoganetso se ya bokhutlong borukutlhi bo ile magoletsa.
Mogolowe yo o abetsweng ntlo, Rre Oatametse Lesego o lebogetse Botswana Pantsula Association tiro e ntle e ba e diretseng monnawe, yo mo nakong ya gompieno a tlhalositseng fa e le mona-le-bogole ka tlhaloganyo ya gagwe e sa tlhole e itekanetse sentle.
O supile fa monnawe a tswa kgakala a bina mmino wa sepantsula, mme ene o simolotse go lemoga fa a na le talente e, ka ngwaga wa 1985. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Lorato Gaofise
Location : Mahalapye
Event : Pulo ntlo
Date : 03 Nov 2021