Breaking News

Ba Ramokgonami ba kopa sekolo se sebotlana

02 Nov 2021

 Morafe wa Ramokgonami o kopile puso go ba agela sekole se se botlana ka se se teng se na le bana ba le bantsi.

Mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke Mopalamente wa Sefhare/Ramokgonami, Dr Kesitegile Gobotswang Ramokgonami bosheng, Kgosi Molelekwa Sekgekge a re puso ga e ise e ba agele sekole se se botlana ka gore se se teng se agilweng ke Seventh-Day Adventist (SDA).

“Ga ke tlhaloganye gore ke eng re sena sekolo se sepotlana se se agilweng ke puso fela jaaka go dirilwe mo lefatsheng lotlhe ka bophara,” Kgosi Sekgekge a botsa.

A re puso e ba agetse sekole se segolwane go sena se se botlana, potso a bo e nna gore se ya go tsenwa ke bana ba ba tswang kae.

Morutabana wa sekole se se botlana sa Ramokgonami wa bogakolodi (guidance and counselling teacher), Mme Baikantse Baeng o tlhalositse fa sekole se, se simolotse ka 1963 ke SDA ka go ne go sena sekole gotlhelele kwa Ramokgonami mme puso ya se tsaya ka 1983.

Mme Baeng a re sekole se na le baithuti ba le 912, baithuti ba lokwalo lwa bongwe, bobedi le la botlhano, ba na le ditlhopha tse tlhano (5 classes) fa lokwalo lwa boraro, bone, borataro le bosupa e le ditlhopha di le nne (4 classes).

A re barutabana ba palo potlana ka ba masome a mararo le bone mme ba ketefalelwa ke tiro ka lebaka la baithuti ba bantsi.

Mme Baeng a re setlhopha (class) se se kwa tlase ke se se nang le baithuti ba le masome a mararo fa ba ba leng bantsi ba le masome a mararo le botlhano go ya kwa godimo. 

A re ditlhopha di ferabongwe (9 classes) di tsena motshegare ka lebaka la tlhaelo ya matlwana a borutelo.

O tlhalositse fa dikago di le dikgologolo, matlwana a borutelo a le mannye, ebile matlwana a boitiketso a tlhaela. Mme Baeng o kopile gore maloko a PTA a atswiwe fela jaaka komiti ya ditlhabololo tsa motse. Dr Gobotswang o tlhalositse fa a itse gore selelo sa motse o se setona ke sekole a tlatsa ka gore o lemogile gore ditlhabololo di nna di tsenngwa mo lenaneong mme di felele di nyelela fela jaaka go diragetse ka sekolo, kokelwana le police station. 

“Maikaelelo a rona ke gore fa P10 million wa ditlhabololo tsa motse a tswa, re age sekole sa bobedi, goromente o tla re fitlhela mo tseleng ka setshwarwa ke ntsa pedi ga se thata,” Dr Gobotswang a supa.

Mokhanselara wa Ramokgonami, Rre Moilwa Moilwa a re motse o godile le bana ba motse ba bantsi. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Segojame Ikgopoleng

Location : Ramokgonami

Event : Phuthego

Date : 02 Nov 2021