Bogodu jwa go thuba matlo bo tshwenya mapodisi
02 Nov 2021
Motshwarelela ramapodisi a Good Hope Rre Meshack Gaboswele a re ba tshwenngwa ke bogodu jwa go thubiwa ga matlo mo kgaolong ya bone ya sepodise.
Fa a bua mo potsolotsong le BOPA Rre Gaboswele o tlhalositse gore mo mafelong a beke a kgwedi ee neng e fela ya Phalane ba kwadisitse melato ya go thujwa ga matlo ele borobabobedi.
A re bontsi jwa dikgang tse di diragetse mo kgaolong ya Good Hope le metse ee mabapi.
Rre Gaboswele o tlhalositse fa magodu ao, a a jesetsang batho mo kgobedung go lebega ele setlhopha ka jaana matlo otlhe a thubiwa ka go tshwana le gone go utswiwa dithoto tse di tshwanang.
Assistant Superintendent Gaboswele a re dithoto tse di utswiwang ke ditsidifatsi (fridge) le didirisiwa tse dingwe tsa motlakase.
O tlhalositse gore magodu ao go lebega ba inaakantse le go thuba matlo a badirela-puso mme seo ba se dira fa beng ba matlo ba seo ka mafelo a beke.
O tsweletse a tlhalosa gore kwa motseng wa Metlojane ba ne ba amogela pego ya bogodu jwa dikgoka gare ga bosigo ka mafelo a beke.
A re mo tiragalong eo go lebega fa banna ba go belaesegang ba ne bale bane ba ne ba tlhasela mmereki wa lebentlele lengwe gone kwa motseng oo mme ba sia ka madi a a kanang ka P15 000.
Rre Gaboswele o tlhalositse fa mmereki yoo a bone dikgobalo tsedi potlana mme ane a ragosediwa kwa sepatela kwa a tlhatlhobilweng teng mme a gololwa.
O supile fa magodu ao a ne a dirisa dilo tsedi borai jaaka dilepe, dihamole go tshosetsa mmereki yoo le gone go kgona go tsena mo ntlong.
A re mo melatong eo yotlhe ga ba ise ba kgone go tshwara ope mme ba santse bale mo patlong ya magodu ao. O gakolotse setshaba gore ba dirise dikompone tse di disang dikago le gone go netefatsa gore ba kopa mongwe go sala mo ntlong fa ba tswa ka mafelo a beke.
Mo go tse dingwe o supile fa mo malatsing a supa a kgwedi ya phalane e fela ba kwadisitse melato ya tsela e feta masome a mane mme ele melato ee farologaneng jaaka go kgweetsa koloi e e sa itekanelang le gone go kgweetsa go sena teseletso. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Aobakwe Molefhi
Location : Goodhope
Event : Potsolotso
Date : 02 Nov 2021