Mowana Class of 2000 e aba dimpho
02 Nov 2021
Baithuti ba pele ba sekole se se golwane sa Mowana Junior Secondary School, kwa Mahalapye, ba abetse sekole seo dimpho.
Dimpho tseo, di akaretsa paka ya sekole le meswangwana ya bomme, tse di lopileng madi a fetang P 8000.
Mo mafokong a gagwe a kgothatso, molalediwa wa tlotla go tswa ko Water Utilities Corporation (WUC), Rre Emmanuel Segobaetso o tlhalositse fa go rotloetsa e bile go tiisa mooko go bona ditlhopha di tshwana le Mowana Class of 2000 di tsenya letsogo mo tokafatsong ya matshelo a setshaba, bogolo jang mo mererong ya tsa thuto.
A re ke ka moo e rileng setlhopha se se kokota ko komponeng ya bone go kopa kemonokeng, a bo ba bona go le maleba gore ba nne le seabe mo tirong e ya go supa mowa wa bopelotlhomogi
Rre Segobaetso o ne gape a gatelela botlhokwa jwa go somarela metsi ka go a dirisa sentle le go duelela tiriso ya one ka nako tsotlhe gore koporase ya metsi e kgone go fitlhelela maikaelelo a yone a go siela Batswana botlhe metsi.
Fa a rolela mogokgo wa sekole sa Mowana JSS, Rre Kenneth Maungwa dimpho tse, Modulasetilo wa Mowana Class of 2000, Rre Moses Tlhalerwa o supile fa ba itlamile gore ngwaga le ngwaga, ka kgwedi ya Phalane, ba abele sekole se, dimpho tse di ka thusang go kgothatsa bodiredi le baithuti ba sekole se, go tokafatsa maduo a thuto.
“Re dira jaana go rotloetsa sekole se, go tswelela se dira sentle jaaka re se tlogetse. Ba ba gakokologelwang sentle, ke rona ba ntlha go gorosa seetsele sa ntlha sa katlego kgotsa go dira sentle mo dithutong, mo sekoleng se,” ga bua Rre Tlhalerwa.
A re ka lone lebaka leo, ba itlamile go dira ka fa ba ka kgonang ka teng gore seetsele seo, se nnele ruri mo sekoleng se, ka go nna le seabe mo tokafatsong maduo a thuto.
Mo mafokong a gagwe a malebo, Rre Maungwa o supile fa a itumelela tshwaragano e ntle e setlhopha sa Mowana Class of 2000 se nang le yone le sekole sa gagwe. A re sekole sa gagwe se motlotlo ka mowa wa lorato o baithuti bao, ba tsweletseng ka go o supa ngwaga le ngwaga.
Ka jalo, o tshepisitse fa boeteledipele jwa sekole bo tla abela baithuti dimpho tse, go ya ka seemo sa botlhoki jwa bone.
Mo godimo ga moo, o rotloeditse baithuti ba basetsana gore ba seka ba tshaba sepe go kopa mesangwana ya bomme mo morutabaneng mongwe le mongwe, yo gaufi, fa ba e tlhoka.
Mokwaledimogolo wa Mowana Class of 2000, Rre Ketlhalefile Motshegwa a re ka go lemoga fa motho e le motho ka batho, ba ne ba bona go le maleba gore ba ikopanye ba emane nokeng le go tswa ka maano a go kgothatsana le gone go thusa sekole sa bone sa pele mo maitekong a sone a go tokafatsa maduo.
Mo ngwageng wa 2020, a re ba ne ba abela sekole sa Mowana mochine o ntsifatsang dipampiri (photocopying machine) oo lopileng madi a fetang P22 000.
Ngwaga ono, a re ba ne ba bona go le botlhokwa go abela baithuti paka ya sekole le mesangwana ya bomme, ba lebile gore seriti sa ngwana mongwe le mongwe se na le seabe mo maduong a go ithuta ga gagwe.
Ka jalo, a re fa moithuti wa mosetsena a na le letlhoko la meswangwana ya bomme, o kgona gore a felele a sa ye sekoleng, mme se se ame maduo a gagwe.
Kgosana ya Mowana, Kgosi Alexander Modisa, Mokhanselara wa Mahalapye Borwa, Mme Abigail Mogalakwe, Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse (ya Bokaa, Xhosa II le Mowana), Rre Joseph Ntesang, Moemedi go tswa ko khanseleng potlana ya Mahalapye, Mme Basadi Keitshokile le Mothusa Mogokgo wa Mowana, Mme Keatsala Kenosi le bone ba ne ba tseneletse moletlo o. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Lorato Gaofise
Location : Mahalapye
Event : Kabo dimpho
Date : 02 Nov 2021