Kago ya tsela ya e tla simolola
01 Nov 2021
Kompone e e abetsweng tiro ya go dira tsela ya Tshesebe-Mosojane-Masunga e simolotse go diragatsa dithulaganyo tse di tlhokafalang go tswelela ka tiro eo.
Tiro ya kago ya yone e abetswe kompone ya Landmark Projects/ Van & Truck Hire joint venture.
Kompone eo, e sa tswa go rolelwa tsela eo kgwedi e e fetileng e le lesome le boferabobedi mme e tsweletse ka go ipaakanya, go akaretsa go thapa badiri.
Kompone ya Landmark Projects/ Van & Truck Hire joint venture e abetswe tiro ya go dira tsela eo morago ga gore kompone ya Bash Carrier e e neng ya abetswe tiro eo ka ngwaga wa 2017 ka kgwedi ya Motsheganong, e palelwe ke go dira tiro mme ya felela e e amogwa ka kgwedi ya Lwetse ka ngwaga wa 2018.
Go dirwa ga tsela eo mo go tla lopang P355.67 million, go solofetswe go wela ka Seetebosigo 2023.
Go sale foo, ditsela tse di fapogang mo tseleng eo, jaaka tsa Masunga-Letsholathebe, Mosojane -Mulambakwena, Mosojane-Masukwane, Masukwane-Kgari mmogo le e e fapogelang kwa motseng wa Pole le tsone di tla dirwa.
Mo phuthegong ya ba-na-le seabe e neng e tshwerwe kwa Masunga ka Labotlhano, motshwarelela mothusa mookamedi wa lephata la Ditsela, Mme Kgakgamatso Kalasi o ne a tlhalosa fa go dirilwe ditshekatsheko tsotlhe tsa bao ba ditsabone di neng di amiwa ke go dirwa ga tsela eo, ka jalo tsotlhe di duetswe.
Le fa gontse jalo a re fa go ka fitlhelwa go na le dingwe tse di santseng di saletse kwa morago, di tla duelwa ka potlako go itsa madiadia a a ka bakwang ke seo.
Go sale foo, Mme Kalasi a re go a tshwenya gore bangwe ba na le go lopa phimolo dikeledi ya madimadi fa go nnile le tshenyo mo dithotong tsa bone, a re se gantsi se felela se ketefaletsa mong wa konteraka go ba atswa ka nako.
Modulasetilo wa khansele ya Bokone Botlhaba, yo gape e leng mokhanselara wa kgaolwana ya Matsiloje, Mme Florah Mpetsane o ne a supa boitumelo ka tiro eo, a supa fa e tla fetola tebego ya kgaolo eo.
A re go botlhokwa gore batsadi ba rotloetse bana ba bone go sola molemo go dirwa ga tsela eo, ka jaana ba tla nna le sebaka sa go bona ditiro ka go farologana tse di tla ba thusang go oba matsogo, a tlatsa ka go gwetlha ba ba tla nnang le lesego la go thapiwa gore ba tlhoafalele tiro ya bone.
Mabapi le tshenyo ya dithoto tsa beng, modulasetilo o ne a kopa gore batho ba atswiwe ka nako, a fa sekai ka tsela ya Francistown/Ramokgwebana e a tlhalositseng e dirilwe dingwaga tse di mmalwa tse di fetileng mme banni bangwe ba nna ba supa fa le jaana ba ise ba bone phimolo dikeledi. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Masego Tabengwa
Location : Masunga
Event :
Date : 01 Nov 2021