Breaking News

Letsholo la mokento le tsweletse sentle

06 Sep 2021

 Mokhanselara wa mo motse wa Seolwane mo kgaolong ya Lerala-Maunatala, Mme Caroline Sakwape a re letsholo la mokento wa COVD-19 le tsweletse sentle ka batho ba le bantsi ba setse ba kentilwe. O buile se mo potsoloseng le BOPA bosheng kwa Seolwane.

Mme Sakwape a re dipalo tsa bagolo ba ba tsereng  mokento  mo kgaolong ya gagwe. A re go setse bagolo ba ba felelang mo seatleng ba ba santseng ba o emetse.

A re barutabana ba le masome a mararo le boraro ba ba dingwaga tse di masome a mabedi le bobedi go ya ko go masome a mane le boferabobedi ba setse ba kentilwe.

“Ga gona bape ba ba supeleng fa  ba na le bothata le mokento,”  Mme Sakwape a tlhalosa.  A re o lebogela tirisano mmogo le bopelotelele jo bo leng teng fa gare ga morafe le ba botsogo ka go ise go nne le kgwetlho kana sekgoreletsi sepe fa gare ga bone. 

Mme Sakwape a re o kopile gore babereki ba Ipelegeng ba ba berekang ko dikoleng ba kentiwe ka gore badiredi botlhe ba dikolo ba kentilwe, go itsa gore mogare wa COVID-19 o seka wa gasega motlhofo ko sekoleng.

O ne a gakolola setshaba go tsaa maikarabelo a bone a go tsaya mokento ka ke itshireletso ya bolwetsi jwa COVID-19 le go sala ditaelo tsa botsogo morago. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Segojame Ikgopoleng

Location : Seolwane

Event : letsholo la mokento

Date : 06 Sep 2021