Makhanselara ba batla dikarabo mo Kweneng Landboard
06 Sep 2021
Makhanselara a kgaolo ya Kweneng ba re tiiego ya kabo ditsha mo kgaolong eo, e a tshwenya ka e baka dikgotlhang mo malwapeng.
Ba re go sa abela batho lefatshe ke gone mo go bakang gore malwapa a bo a farafarilwe ke dikgotlhang ka lebaka la gore batho ba nna ba le ba ntsi mo malwapeng.
Makhanselara ba tlhalositse fa batsadi ba nna le bana, bana ba bana ba bone ga mmogo le ditlogolo. Se se kailwe e le dikgang tse di tshwanetseng go rarabololwa ka go baya batho ditsha.
Makhanselara ba kgadile ba sa kgwe mathe le go supa ka monwana lekgotla le, ba re le maoto a tshupa go aba lefatshe le go tsibogela dikgang tsotlhe tse di amang lefatshe.
Makhanselara ba buile se ka bongwefela jwa pelo jaaka fa ba ne ba akgela mo pegong ya Modulasetilo wa Khansele ya Kweneng Rre Motlhophi Leo mo bokopanong jwa khansele jo bo tsweletseng.
Ka jalo, ba supile bogogi jwa lekgotla leo ka monwana, ba tlhalosa fa ba le moriti- o-tsididi ka dikgang tsa lefatshe bogolo jang mo kgaolong e e tswang kgakala e aparetswe ke dikgang tsa go tlhoka go laola lefatshe sentle.
Makhaselara ba gateletse botlhokwa jwa go aba lefatshe, ba kaya gore ga go kake ga nna le ditlhabololo ntleng le lefatshe.Mokhanselara wa Mahetlwe Rre Simon Maroane a re go na le bothata jwa go baya lefatshe mo Kweneng.
A re go sale go nna le ditogamaano tse di saleng di dirwa tsa Kopong/Lentsweletau Structural Plan, ka jalo a kopa go itse gore lekgotla la kabo ditsha le tsibogela jang dikgang tsa lefatshe fa go lebilwe ditloga maano tsa Kopong/Lentsweletau.
Mokhanselara Maroane a tswelela a re o tshwenngwa ke mokgwa o o simologileng o mo go one bo ramadi ba simolotseng go tlhabolola lefatshe le le nang le boleng (Prime land) mo ditseleng tsa metse e e gaufi le toropo.
A re ditlhabololo tse di dira gore metse e e kgakala le toropo e bewe ka fa mosing ka go felela ditlhabololo di ganelela ntlheng e le nngwefela bogolo jang mo ditseleng tse ditona mo metseng e tshwana Lentsweletau, Kopong, Metsimotlhabe le Mogoditshane go ya go tsena ko Gaborone.
Ka jalo a kopa gore fa ditlhabololo di dirwa di leka lekanngwe kgotsa di tsharabololwe ka mafelo ka go farologana. Mokhanselara wa Boribamo Bophirima Rre Allen Jacobs le ene a dumalana le makhanselara a mangwe gore ga gona tema epe e e bonalang kwa Kweneng Land Board.
Rre Jacobs a re go na le dingwaga di ka nna tharo go sa bewe ditsha kwa Landboard mme le fa go ntse jalo lekgotla la kabo ya ditsha le sa fe khansele dikarabo tse di tlhomameng gore matsapa di a tsaya kae.
Mokhanselara yo o itlhophetsweng mo kgaolong ya Molepolole Bokone Rre Joseph Kgarebe o iteetse kobo moroko mafoko a gore go na le tiego e e seng kana ka sepe go abela batho lefatshe, A re gongwe lekgotla la kabo ditsha la Kweneng le ka dira thulaganyo e a e bitsang “operation re baya lefatshe” go fefosa mola wa batho ba ba sa bolong go emela go abelwa ditsha.
Mokhanselara a tswelela a re kgang ya lefatshe le le bidiwang thibang diphotlha e a tshwenya, a re go sale gotwe le a rulaganyetswa gore le tle le abelwe batho nako kgolo ke eno.
A re batho ba feta 155 000 ba emetse go abelwa ditsha mo kgaolwaneng ya Molepolole/Lentsweletau. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Lindi Morwaeng
Location : Molepolole
Event : Pego
Date : 06 Sep 2021