Tiego ya kabo ya ditsha e tshwenya setshaba
06 Sep 2021
Makhansalara mangwe a kgaolo potlana ya Palapye ba ngongoregetse tiego ya kabo ya ditsha kwa dikgalong tsa bone.
Fa a tlhalosa mo phuthegong ya khansele bosheng, modulasetilo wa lephata la kabo ditsha kwa Maunatlala, Rre Khumo Madikane a re dipalo tsa batho ba ba emetseng go abelwa ditsha di kwa modimo.
“Dipalo di eme jaana, Seolwane 519, Mosweu 187, Mokokwana 278, Maunatlala 1973, Lesenepole 584, Moremi 461, Mogapi 559, Mogapinyana 405, Kgagodi 461, Diloro 223, Tamasane 1 716,” Rre Madikane a tlhalosa.
A re ba tshwenngwa ke dipalo tse di yang magoletsa tsatsi le letsatsi tsa bo maipaafela, segolo jang kwa masimo a tlhalosa gore ba amogetse dingongorego tse dintsi go tswa Torome.
“Re neetse bo-maipaafela selekanyo sa malatsi a le masome a mararo gore ba bo ba dule mo mafelong ao,” Rre Madikane a tlhalosa.
Modulasetilo wa lephata la kabo ditsha kwa Palapye, Rre Isaac Maforaga a re dipalo tsa baikopedi kwa kgaolong ya gagwe le tsone di kwa godimo, a supa fa kwa Lecheng e le 7 673, Lerala 6 183, Matlhakola 1 075, Mokungwane 1 591, Manaledi 624, Goo-Tau 1 107, Goo-Sekgweng 8 167, Ratholo 1 509, Majwaneng 846, Radisele 18 991, Mokgware 471, Mogome 2 340, Topisi 17 960 le Moreomabele ka 1 065.
Rre Maforaga a re ba tshwenngwa ke bo maipaafela kwa Lechana, Palapye, Makoro le Ramatoteng kwa Radisele.
A re ba lepalepana le dikgwetlho tse ba kopanang le tsone di akaretsa batho ba ba sa kwadiseng ditsha tsa bone le batho ba ba senyang dinomore tsa ditsha tsa bone.
Mokhanselara wa Malaka, Mme Pinny Morupisi a re go na le kgwetlho kwa kgaolong ya gagwe ya batho ba e seng ba kgaolo eo ba ba fiwang ditsha ka maikaelelo a go di rekisa.
A re se, se baya ba ba batlang ditsha ka fa mosing ka ba tshwanelwa ke go leta lobaka.
Mokhanselara wa Seolwane, Mme Caroline Sakwape ene o rotloeditse ba lephata la kabo ditsha go atolola merero ya bone gore setshaba se tlhaloganye ka tsamaiso ya lone. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Segojame Ikgopoleng
Location : Palapye
Event : Phuthego
Date : 06 Sep 2021