Kgosi wa kgalema
06 Sep 2021
Banni ba toropo ya Selebi Phikwe ba gakolotswe go tswa ka methale e mesha ya go itshetsa, go ikgapha mo ditirong tsa botlhokatsebe ka go le diphatsa.
Kgosi Molosiwa Molosiwa wa kgotla ya Kagiso a re ntswa go tswalwa ga moepo wa BCL go amile itsholelo ya banni, go borai go inaakanya le bogodu, go nna mmogo kwa ntle ga lenyalo le go iphitisa dinotagi.
Mo potsolotsong le BOPA bosheng kgosi a re banni ba tshwanetse go tla ka methale e mesha ya go itshetsa go na le go tsenya matshelo a bone mo diphatseng ka go iphitisa dino kana go utswa.
Kgosi a re go a tshwenya gore dikgang tsa mothale o, di ile magoletsa a re seo se supa fa setho sa Batswana se tsweletse ka go wela tlase.
A re go nna mmogo ga baratani ga go a siama ebile go tsisa dikgotlhang fa gare ga baratani le batsadi ba bone.
A re go nna mmogo ga se lenyalo, a re ka setswana monna o batlelwa mosadi ke batsadi ga a inyadise. O rotloeditse banana go dirisa mananeo a puso go itshimololela dikgwebo go itsa go senyetsa batho ba bangwe. A re le fa kgosi tiro ya gagwe ele go sekisa dikgang tsa bogodu, tota konokono ya tiro ya gagwe ke go letlanya morafe, go ba gakolola le go ba thusa go tla ka metlhale ya khumo eseng bogodu.
Kgosi Molosiwa a re puso e batla go aga setshaba se se nang le boikarabelo, se se ka tsogang se isitse lefatshe leno kwa godimo ka go dira ditlhabololo. A tlatsa ka gore lefatshe leno le ka tlhabololwa ke Batswana ka go bereka ka natla ba tshwaragane mmogo le puso.
A re toropo ya Selebi Phikwe e agilwe ke bomme le borre ba ba dinatla, ka jalo maiteko a bone ga a tshwanela go nyelediwa ke botlhokatsebe ja banana, a re fa ele sengwe banana ba tshwanetse go oketsa fa batsadi ba bone ba tlogetseng teng.
Toropo ya Selebi Phikwe e simolotse morago ga go epiwa ga moepo wa BCL, mme se se ile sa ngoka batho ba le bantsi. Rre Molosiwa a re Selebi Phikwe o setse a fetogile legae la batho ka bontsi ba ba saleng ba tsile bogologolo, ka jalo banni ba toropo e ba tshwanetse go e tshegetsa gore e seka ya phuphama.
Banni ba toropo ya Selebi Phikwe jaaka mo ditoropong tse dingwe ba ne ba iphitlhela ba kokonelwa ke letlhoko la mebereko morago ga go tswalwa ga BCL ka 2016.
Se se ile sa fetola matshelo a batho fela thata mo bangwe ba inaakantseng le nnotagi, bangwe ba nna mmogo ba sa nyalana fa bangwe ba iphitlhela ba dirile borukutlhi go leka go inamola manokonoko a lehuma segolo jang banana. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Kgotsofalang Botsang
Location : Selebi Phikwe
Event : Potsolotso
Date : 06 Sep 2021