Mapodisi a tshegeditse baoki
05 Sep 2021
Baoki ba le bararo ba mo diatleng tsa mapodisi ka dipelaelo tsa gore ba itseetse di dirisiwa tsa botsogo tse di tlhatlhobelang batho bolwetse jwa COVID -19.
Mo potsolotsong le lekalana la dikgang la BOPA ka Labone mookamela mapodisi a Moshupa Superintendent David Ramoseki a re bosheng mapodisi ba ne ba utlwa ka podi ya tsela fa go na le di dirisiwa dingwe tsa botsogo tse di nyeletseng.
A re e ne ya re go tsibogela kgang e, ba tshwara banna ba le bararo ba dingwaga tse di fa gare ga masome a mabedi le boferabongwe le masome a mararo ba ba direlang kwa Gaborone, Moshupa le Kgomokasitwa, a tlatsa ka gore go kgonnwe go bonwa mabokoso a le masome a mabedi a didirisiwa tsa go nna jalo.
A re ditlhotlhomiso di santse di tsweletse ka jaana go lebega fa tse dingwe di setse di hetiseditswe golo gongwe, a re ba sepodisi ba letile go utlwa ba botsogo gore tota go nyeletse mabokoso a le kae.
Supt.Ramoseki a re banna ba baka lebisiwa molato wa go utswa motho e le modirelapuso mme ba ka o atlholelwang dingwaga tse di sa feteng bosupa fa a ba ka bonwa molato.
Mo go tse dingwe a re mapodisi a tshwenngwa ke kepo ya motlhaba e e seng ka fa molaong mo kgaolong ya sepodisi ya Moshupa, a supa fa ba nnile le dikgang di le pedi kwa masimong a Madutlela ka Mosupologo kwa ba fitlhetseng banna ba le babedi ka diteraka ba epa motlhaba.
A re mapodisi ba ne ba ba kopa diteseletso tsa go epa motlhaba mme ba di tlhoka ka jalo ba tshegetsa diteraka tseo ka bobedi, a re enngwe e ne e tswa ko Gaborone fa enngwe e ne e tswa ko Kanye.
A re diteraka tseo di emetse go tlhatlhobiwa go bona gore a di itekanetse go ka tsamaya mo tseleng.
A re borre bao yo mongwe o dingwaga di masome a mararo le boraro fa yo mongwe ene a le dingwaga tse di masome a mane. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Ikotlhaeng Rantopele
Location : Kanye
Event : Potsolotso
Date : 05 Sep 2021