Setshaba se rotloediwa go dirisa ditirelo tsa khansele
05 Sep 2021
Mothusa modulasetilo wa khansele potlana ya Goodhope, Rre Beach Mooketsane o rotloeditse setshaba go dirisa ditirelo tsa khansele bogolo jang tsa go sela matlakala.
O buile mafoko a bosheng kwa Goodhope fa a ne a inaakantse le setshaba go sela matlakala ka letsatsi la ditshaba la go sela matlakala. Rre Mooketsane a re khansele e dirile maitlamo a gore banni ba kgaolo ba duele masome a mabedi a dipula ka kgwedi gore ba tseelwe matlakala mo malwapeng.
A re seo ke maiteko a bogogi jwa khansele go netefatsa fa Batswana ba bona ditirelo ka ditlhwatlhwa tsedi ko tlase mme ebile e le tsa boleng jo bo rileng.Mothusa modulasetilo a re kgaolo ya Morolong e tshwanetse go nna ele phepha ka nako tsotlhe.
“Go botlhokwa gore go nne gole phepa ka gore le bone ba ba batlang go dira dikgwebo mo kgaolong ga baa tshwanela go fitlhela gole leswe”. O tlhalositse gore ere ka jaana nako tse dingwe ba atle ba nne le kgwetlho ya dikoloi tsedi tsayang matlakala segolo jang kwa metseng ee mabapi le Goodhope, ba thapile Batswana ba metse eo gore e nne bone ba ba phuthelang matlakala ka dikara tsa ditonki. A re fa a sena go phuthiwa jalo khansele e ntsha koloi go a tsaa go a isa kwa lehuting la matlakala.
Mothusa modulasetilo o akgotse maphata a mangwe a a mo kgaolong a supa fa ba na le tirisanyo mmogo ya motia. O supile fa maphata ka go farologana a kgona go ba thusa ka dikoloi le bodiredi fa gona le letsholo la go sela matlakala.
Rre Mooketsane a re maikaelelo ke gore kgaolo e nne fela ele phepa ka dinako tsotlhe, a re seo se botlhokwa ka jaana ele nngwe ya matshego a tebelopelo ya 2036. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Aobakwe Molefhi
Location : Goodhope
Event : Letsatsi la ditshaba la go sela matlakala
Date : 05 Sep 2021