Tsayang boikarabelo jwa tikologo
05 Sep 2021
Go phepafatsa tikologo ke maikarabelo a mongwe le mongwe eseng khansele kana babereki ba lenaneo la Ipelegeng fela.
Se, se builwe ke Modulasetilo wa khansele potlana ya Serowe Rre Lesedi Phuthego, kwa tshimolodiso semmuso phepafatso tikologo e e simolotseng kgwedi ya Lwetse a rogwa e e tla a welang kgwedi e fela.
Modulasetilo o rotloeditse banni ba Serowe le metse ya kgaolo potlana eo go tsaya boikarabelo mo go phepafatseng tikologo ya bone. A re go phepafatsa tikologo e tshwanetse e nne selo modiro mme ga go a tshwanelwa go emelwa letsatsi le le tlhomiwang gore go phepafatswe tikologo.
Fa a itebaganya le motse wa Serowe, Rre Phuthego o ne a supa fa seemo sa go gasagasa matlakala mo motseng se tshwenya fela thata mo go ngomolang pelo. Moeteledipele yo, a re go latlhela matlakala gongwe le gongwe mo, go dirwa ke batho ba ba farologang ba akaretsa ba ba agang mme ba latlhela leswe la dikago gongwe le gongwe.
Modulasetilo a re bangwe ba tla ka dikoloi tse ditona ba rwele matlakala a dikago ba bo ba a latlhela fa go sa babalesegang mme gantsi ba latlhela mo dikgweng fa bangwe ba tswa kwa metseng ya bone ba bo ba latlhela matlakala a tshwana le dipampiri le metseto ya bana fa a sa latlhelweng teng.
A re ka go dira jalo, diruiwa di tshwana le dintsa di felele di a gasagasa mme tikologo e leswefale. Rre Phuthego a re seemo se, se a tshwenya bogolo jang ka morafe o itse gore go na le lefuti la matlakala le le diretsweng gore mongwe le mongwe a latlhele matlakala teng.
A re bangwe ba ikgatholosa lefuti le, ka go latlhele gongwe le gongwe fa ba sa bonweng ke ope teng.
Rre Phuthego o rotloeditse banni go dirisa ba ba ikemetseng ka nosi ba ba duelwang go tseela batho matlakala.
A re khansele potlana ya Serowe ka lephata la tikologo le badiri ba Ipelegeng e dira maiteko a gore gangwe le gape e phepafatse tikologo. Modulasetilo a tlhalosa fa khansele potlana ya Serowe e tlhaelelwa ke didirisiwa di tshwana le dikoloi tse di itebagantseng le matlakala go phapafatsa motse otlhe. A re ba felela ba dirisa dikoloi fela tse di sa itebaganyang le go tsaya matlakala.
Rre Phuthego o supile fa bontsi jwa batho ba ba latlhelang matlakala gongwe le gongwe ba sa tshwarwe ka ba iphitlha fa ba dira tiro eo mme a kopa banni go loma khansele tsebe kana makhanselara a bone fa ba bona mongwe a dira jalo.
Mogolwane wa tsa tikologo mo khansele potlana ya Serowe Mme Tshoganetso Seronamong o ne a supa fa go kgotlela tikologo kana go gasagasa matlakala gongwe le gongwe go kgona go nna le ditlamorago tse di sa siamang di tshwana le go kgotlela metsi kana go kgotlela mmu. A re seemo seo se kgona go felela se tsisa malwetse mo bathong kana mo leruong.
Mme Seronamong a re khansele potlana ya Serowe e dira maiteko a go tsaya matlakala mo malwapeng mme gore go dirwe jalo, yo o batlang go tseelwa matlakala o duela P12 kgwedi le kgwedi fa e le tanka e tona mme fa e le e nnye go duelwa P9. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Portia Rapitsenyane
Location : Serowe
Event : Phuthego
Date : 05 Sep 2021