Breaking News

Mokgato o ruta ka bolwetse jwa leebana

03 Sep 2021

Mokgatlho wa Young Epilepsy Botswana o itlamile go ruta Batswana ka bolwetse jwa leebana. 

Mo potsolotsong le BOPA ka Laboraro, mosimolodi wa mokgatlho oo, Mme Naledi Khan o tlhalositse fa maikaelelo a bone ele go lemotsha Batswana gore bolwetse jwa leebana, jo bo tlwaelesegile ka mototwane kgotsa dikoto, bo teng, mme ebile motho o ka tshela le jone fela jaaka malwetse a mangwe. 

Mme Khan a re ntswa bolwetse jo bo sena kalafi, mme motho o ka tshela ka diritibatsi. 

A re mokgatlho o diretswe balwetse le masika kana ditsala tsa ba ba lwalang bolwetse jo, gore ba ikopanye, ba kgone go tshegetsana, ba abelane maele le go sidilana maikutlo. 

A re bogologolo batho ba ba neng ba lwala bolwetse jo, ba ne ba fitlhiwa, e bile ba sa thusiwe ka sepe, mo ba neng ba felela ba sa itirele sepe mo botshelong, a re ke ka moo ba itlhokomolosang leina la mototwane kgotsa dikoto ka a na le lesotlo. 

Mme Khan a re bolwetse jwa leebana bo ama boboko, jo e leng karolo e e botlhokwa thata mo mmeleng wa motho, jaaka fa boboko bo sa fetlhe sentle, kgotsa ditshika dingwe tsa boboko di sa dire sentle. 

O tlhalositse fa bolwetse jo, bo sa tshelwane, mme ka jalo a re bo ka tsena ope fela ka mabaka a rileng, mo dingwageng tse di farologaneng tsa botshelo. 

O ne a re motho o ka tsenwa ke bolwetse ka mabaka a akaretsang, kgobalo ya tlhogo, kankere ya boboko, go swa mohama, losea lo lo tlhaetseng phefo e e siameng ka nako ya pelegi, go gotela ga mmele bogolo jang mo maseeng a a dikgwedi tse thataro go ya kwa dingwageng tse thataro, go dirisa ditagi, bogodi le malwetse a letha la boboko. 

Mme Khan o tlhalositse fa bolwetse jwa leebana bo itshupa thata ka go wa, a tlatsa ka gore molwetse fa a ole, o ka itoma loleme, go ithotela, go gamarega kgotsa go tlhakana tlhogo metsotso e ka nna lesome go ya go e e masome mararo, morago ga go phadimoga. 

A re gape motho o ka ngangarala, maoto le mabogo a tshikinyega, fa gongwe a re molwetse a ka supa ka go didimala kgotsa go ema go bua, go dira sengwe metsotswana e e sa feteng lesome.

Mme Khan a re fa molwetse a wa, go botlhokwa thata gore a tshegediwe go itsa dikgobalo, bogolo thata mo tlhogong, go itsa gore boboko bo seka jwa bablelwa.

A re fa molwetse a wetse mo gare ga batho, ba seka ba mo kgobokanela gore a kgone go hema phefo sentle. 

O tlhagisetse kgatlhanong le go tshela molwetse metsi, mme a re go batla a sekamesiwa, a robatswa ka lotlhakore, gore a seka a kgangwa ke lehulo, kgotsa go itoma leleme thata. 

Mme Khan a re motho o ka bitsa ba bongaka fa a bona molwetse a sa thanye morago ga lebaka la metsotso e metlhano. 

O ne a tswelela ka gore gantsi fa molwetse a thanya mo maibing, ga a gakologelwe gore o ntse a dira eng, mme ke tshwanelo go mo gakolola go thusa gore a seka a nna ka go lebala. 

O ne a kopa ba ba nnang le balwetse go netefatsa gore ga ba nne fa goleng borai go akaretsa go nna gaufi le molelo. 

A re molwetse o ka wa mme a robega marapo, a nne le dintho kgotsa a šhwe fa a ka wela mo molelong, kana a nwela fa bolwetse bo ka tsoga a tlhapa, ka jalo a re, go botlhokwa gore molwetse a tlhape ka metsi a mannye, kgotsa ka šhawara. 

Mme Khan a re COVID-19 e kgoreleditse maikaelelo a mokgatlho a go ralala Botswana, go ruta ka bolwetse jwa leebana, mme ka jalo a kopa batho go bala dipampitshana tsa bone ka bolwetse joo. 

A re thuto e ka thusa le go fa ba ba lwalang tsholofelo. BOPA 

Source : BOPA

Author : Lesedi Thatayamodimo

Location : GABORONE

Event : Potsolotso

Date : 03 Sep 2021