Go sa katologana ga baithuti go a tshwenya
01 Sep 2021
Mogolwane wa dithuto tsa bogakolodi kwa sekoleng se segolwane sa Sir Seretse Khama Memorial, mme Boikhutso Majang a re go sa katologana ga baithuti e santse e le kgwetlho e e kgoreletsang maiteko a sekolego lwantsha kanamo ya mogare wa Corona.
O buile se, mo potsolotsong le BOPA ka Labobedi mo Gaborone jaaka baithuti ba mophato wa lekwalo la boraro ba ne ba boela sekolong morago ga gore dikole di tswalwe ka tshoganetso ka Phukwi.
A re bodiredi jwa sekole bo dira ka gotlhe go lwantsha kanamo ya mogare wa Corona ka nako ya baithuti ba le ko sekolong, mme go tlhoka go katologana ga baithuti go busetsa maiteko a bone kwa morago.
Mme Majang a re baithuti ba tsweletse ka go atisa mokgwa wa go nna ba kokoane le ntswa ba tsiboswa ka bodiphatsa jwa go dira jalo,a re baithuti ba atisa mokgwa oo, ka nako ya dijo kgotsa phakela fa ba emetse go tsewa mogote le go tlhapisiwa diatla ka dibolaya mogare pele ba tsena mo sekoleng.
A re go le gantsi barutabana ba ithaopa go thusa modiri wa pabalesego le botsogo, yo o dirang a le esi, ntswa maiteko a bone a kgaopediwe ke gone gore ba tshwanelwa ke go potlakela kwa matlong a borutelo go tsweledisa dithuto tsa letsatsi.
Mme Majang o ne gape a supa fa bakgweetsi ba dikhombi bangwe ba ba tsayang baithuti le bone ba sa sale melawana ya itshireletso ka morago, ka jaana baithuti ba tlhatlagana fela mo ditilong e bile gape bangwe ba sena le tsone dibolaya megare mo dikhombing.
O ne a supa fa ba tsweletse ka go sidila baithuti maikutlo gore ba nne mo seemong sa go kgona go amogela dikgwetlho tse di ka tlhagogang tebang le seemo sa COVID 19.
Fa mothusa mogokgo wa sekole seo Rre Monkgogi Selelo a supile fa a itumeletse kemo nokeng ya batsadi bangwe, ba neng ba tsweletse ka go netefatsa gore baithuti ba tswelele ka dithuto ka nako ya go tswetse, ba diragatsa se, ka go thusa bana go amogela dithuto ka maranyane.
A re go tswalwa ga dikole go ba tshoganyeditse ka jaana baithuti ba ne ba lebanwe ke go kwala ditlhatlhobo tsa fa gare ga ngwaga, le fa go ntse jalo a re barutabana ba ne ba ithaopa go fa baithuti tiro ya sekolo ba le kwa malwapeng ka thuso ya maranyane jaaka whatsApp.
Rre Selelo a re go supa fa bontsi jwa baithuti ba ne ba dirisa megala ya batsadi ba bone go amogela dithuto tseo, sengwe se a supileng e le kgatelo pele fa gare ga batsadi le barutabana.
O lebogile gore bontsi jwa barutabana ba sekolo seo, ba kgonne go tsaya mokento e bile go sena dipe ditlamorago tse di pitlaganyang tebang le mokento o ba o filweng.
Rre Selelo a re ba tlaa tswelela ba dira ka gotlhe go netefatsa gore baithuti ba mo seemong sa go kwala ditlhatlhobo tsa makgaolakgang. BOPA
Source : BOPA
Author : Chendzimu Manyapedza
Location : GABORONE
Event : Potsolotso
Date : 01 Sep 2021