Breaking News

Dintsho tsa mogare di a fokotsega

01 Sep 2021

Dintsho tse di amanngwa le COVID- 19 di wetse tlase kwa kgaolong ya Selebi Phikwe, e e akaretsang kgaolo ya Bobonong le Mmadinare.

Se se builwe ke motshwarelela mogokaganyi wa kgaolo ya Selebi Phikwe Dr Kesegofetse Chabaesele ka Labobedi. 

Dr Chabaesele o tlhalositse fa ba botsogo ba itemogetse kwelotlase ya dintsho tse mo bagolong ba ba dingwaga tse di fetang masome marataro le botlhano.

Dr Chabaesele a re se se ka tswa se dirwa ke gore go ne ga potlakelwa go kenta bagolo ba dingwaga tse di masome a marataro le botlhano ka ene e le bone ba ba neng ba tlhokafala ka dipalo tse di kwa godimo ntateng ya go gatelelwa ke mogare.

A re se, se thusitse mo go fokotseng dintsho tse di amanngwang le mogare, a re fa go ne go sa potlakelwa go kenta bagolo, lefatshe leno le ka bo le ne la kwadisa dintsho tse di kwa godimo go feta tse di setseng di kwadisitswe.

A re kwelotlase e, e supa fa mokento o bereka mo mebeleng ya batho ka go tlisa tshireletso e e kwa godimo go feta fa ba ne ba sa kenta.

Dr Chabaesele o supile fa ba botsogo jaanong ba na le kgwetlho ya dintsho tse di amang ba ba dingwaga tse di ka fa tlase ga masome marataro le botlhano.

A re se, se ka tswa se dirwa ke gore bontsi jwa bone ga ba ise ba tseye mokento wa COVID- 19 o o fokotsang bogale jwa mogare mo mmeleng.

Dr Chabaesele o supile fa go setse go kwadisitswe palo ya dintsho di le lekgolo le motso  mo kgaolong,mme bontsi e le tse di amang batho ba ba dingwaga tse di kwa tlase.

O rotloeditse botlhe ba ba tshwanetseng go tsaya mokento go dira jalo ka gore o thusa go fokotsa manokonoko a mogare mo mmeleng a bo a rotloetsa setshaba go tswelela ba ipabaletse mo mogareng wa COVID- 19 ka go sala morago ditaelo tsa botsogo ka go tlhapa matsogo kgapetsakgapetsa, go dirisa dibolaya mogare, go rwala dibipamolomo le go katologana.

Fa a tlhalosa ka mogare kwa kgaolong ya Selebi Phikwe, a re mogare o santse o le montsi bogolo jang kwa Selebi Phikwe, go feta mafelo a mangwe a kgaolo eo.

A re kgaolo ya Selebi Phikwe e tlaa tsaya nako gore e fetoge mo bosweung go ya kwa mebaleng e mengwe bogolo jang ka e dikaganyeditswe ke kgaolo ya Palapye le Francistown, tse le tsone di nang le dipalo tse di kwa godimo tsa batho ba ba tsenweng ke mogare wa COVID-19. BOPA

 

Source : BOPA

Author : Gaboselwe Olesitse

Location : SELEBI PHIKWE

Event : Potsolotso

Date : 01 Sep 2021