Kotsi e gapile matshelo
01 Sep 2021
Mapodisi a Werda mo kgaolong ya Kgalagadi borwa a tlhotlhomisa dikotsi tse nne tse di diragatseng mo tseleng ya Werda- Kokotsha le Tsabong–Werda tse di gapileng matshelo a batho ba le babedi mo bekeng e e fetileng.
Fa a bua mo potsolosong le BOPA ka Mosupulogo, motshwarelela mookamela mapodisi a Werda, Inspector Itireleng Zulu o ne a tlhalosa fa koloi ya Toyota Corolla e ne ya pitikologa morago ga gore e tswe mo taolong, mme ga tlhokafala batho ba le babedi mo go ba le batlhano ba ba neng ba le mo koloing eo, kgwedi eno e le masome a mabedi le bosupa.
Inspector Zulu o tlhalositse fa mapodisi ba ne ba ragogela kwa kotsi e diragetseng teng, dikhilomethara di ka nna lesome gaufi le motse wa Werda, mme ba ragosetsa bapalami ba koloi eo kwa kokelong ya Tsabong, babedi ba rurifadiwa ba tlhokafetse, fa a le mongwe a bone dikgobalo tse di masisi, mme ba le babedi ba bone tse di seng borai.
O boletse fa direpa di rometswe kwa kokelong ya Princess Marina kwa Gaborone go tlhatlhobiwa ke ba bongaka. A re monna yo o boneng dikgobalo tse di masisi le ene o ne a romelwa ko Princess Marina go ya go thusiwa.
Inspector Zulu o boletse fa batho bao ba ba dingwaga tse di magareng ga masome a mane le bongwe, go ya kwa go tse dimasome a supa le bobedi, go lemosegile fa ba ne ba le mo mosepeleng go ya kwa motseng wa Khuis, mme ba tlholega kwa Moshupa mo kgaolong ya Kgatleng.
A re ditlhotlhomiso tsa mapodisi di sa ntse di tsweletse .
Mo kotsing e nngwe go ne ka letsatsi leo, Inspector Zulu o tlhalositse fa mokgweetsi wa koloi ya modiro wa Toyota Mark 10, yo o dingwaga tse di masome a mabedi le boferabongwe, a ne a latlhegelwa ke taolo fa lefelong le go baakanngwang tsela teng, mme koloi ya pitikologa.
O boletse fa mokgweetsi wa koloi eo ka lesego, a ne a falola ka bobi jwa segokgo. Go tlhalosiwa fa a ne a le mo mosepeleng go tswa Gaborone go ya Tsabong.
Inspector Zulu a re e rile kgwedi eno e le masome a mabedi le boferabobedi ka matlhatso, mo kotsing ya boraro, koloi ya Toyota Runx ya pitikologa dikhilomethara di ka nna tharo go fitlha mo Werda, morago ga gore mokgweetsi wa yone wa dingwaga tse di masome a mararo le boferabobedi a latlhegelwe ke taolo.
Motshwarelela mookamela mapodisi a Werda o ne a tlhalosa fa ngwana wa dingwaga tse di lesome le bongwe, a ne a bona dikgobalo tse di masisi, fa mokgweetsi wa mme le ngwana yo mongwe bone ba ne ba seka ba bona dikgobalo dipe.
Ba tlhaloseditse mapodisi fa ba ne ba le mo mosepeleng go tswa Tsabong go ya Serowe.
Inspector Zulu o ne a supa fa mo kotsing ya bone, monna wa dingwaga tse di masome a mararo le boferabongwe, a ne a latlhegelwa ke taolo mme koloi ya gagwe ya pitikologa gaufi le motse wa Werda. A re ka lesego o ne a tswa ka letshoba la mogodu, mme le ene a ne a le mo mosepeleng go tswa Gaborone go ya Tsabong.
Inspector Zulu gakolotse bakgweetsi go ela tlhoko matshwao a tsela ka nako tsotlhe. BOPA
Source : BOPA
Author : Cathrine Simane
Location : WERDA
Event : Potsoloso
Date : 01 Sep 2021