Breaking News

Maphane setswerere sa go loga

31 Aug 2021

E le ruri moseka phofu ya gaabo ga a swe lentswe puo e, e kare e ne e lebagane Mme Tebogo Maphane, yoo dirang dilwana tse di farologaneng a dirisa dibaga.

Ntswa a ne a lemogile fa a na le talente ya go loga, Mme Maphane o ne a seka a isa se kwa tlhogong  mme o ne a tsweledisa  dithuto tsa go ithutela borutabana.

“Ke ile ka ya sekolong go ithuta go nna morutabana mme pelo yone e le ko go logeng ka ke ne ke lemogile fa kena le bokgoni,” a tlhalosa.

Le fa a ne a ntse a le morutabana wa Moral education, mo Gaborone, pelo e ne  e le ko go logeng  go fitlhelela a tsaya tshwetso ya go simolola go loga dilwana a dirisa yone methale e e farologanyeng.  

Erile ka 2016, ka go lemoga kgatlhego le thotloetso ya dilwana tse a di logang, Mme Mphane, yo o tlholegang kwa Matshelagabedi, o ne tsaa dingwaga tse tlhano tsa malatsi a boikhutso mo go ruteng, go tlhwaafalela go godisa kgwebo.

Le ntswa a tsere lebaka go dirisa talente ya gagwe, go ne ga supafala fa a ne a nyoretswe go e dirisa, selo se se supilweng ke ka fa a simolotseng ka teng, jaaka bokgoni jwa go dira dilwana ka dibaga, kgole, pampiri, le gone go ikemela ka dinao go bona gore dithoto di a rekwa.

Ka theko ya tsone o kgonne go itshetsa mo dingwageng tse tlhano tsa boitapoloso.

Bokgeleke jo, ke jone bo kgontshitseng Mme Maphane go felela a tsaya karolo mo letsatsing la bagwebi ba ba botlana le le neng le tshwaretswe mo go Gaborone mo bosheng.

 O ne a supa dilo tse a di dirileng ka dibaga jaaka fa motho a ka beelang manyena, kana dilo tsa go intlaafatsa le dibeke mo go tse dingwe.

 “Ke sale ke itse mo pelong yame gore ke modiragatsi yo o logang ka botswerere mme se se ne sa thibelwa ke gone gore ka batsadi ba ne ba dumela gore talente ke fa motho a tsene  sekole,” Mme Maphane a tlhalosa.

Mme Maphane yoo dingwaga tse 46 a re o sale a lemogile talente ya gagwe, a santse a le monnye, mme  go tsena mokgatlho wa 4B ga nonotsha se a neng a ntse a na le sone, ka a ne a dira dilo tse dintsi ka botswerere.

Ka a rata go etela kwa Zimbabwe, o kaile fa a tsere botsipa jwa go loga gone koo. A re o ithutile ka go lebelela  motho yo mongwe a loga bogolo jang go loga ka dikgole tsa ditlhako.

O kaile fa go loga go kgona go mo tsaya letsatsi,  a supa beke e a neng a bua fa a elogile gole maabane le tse dingwe tse di nnye.

Mogwebi yo o dirisa le dipampiri go loga,   selo se a se ithutileng ka go lebelela mongwe a loga. 

Dingwe tsa dilwana tse a neng a disupa di ne di akaretsa tsa mokgabisa wa pampiri.

 

Ditlhwatlhwa tsa gagwe ke tse di nametsang ka jalo mongwe le mongwe a ka kgona go reka.

Maikaelelo a gagwe ke go bona kgwebo ya gagwe e gola le gone go rotloetsa ba ba sa supeng talente gore ke nako ya gore ba simolole.

Le fa malatsi a gagwe a go boela tirong ngwaga  a setse, a le gaufi,  o kaile  fa a itumeletse gore o kgonne go diragatsa toro ya gagwe le gone go ithuta methale e mengwe ya go loga. 

A re o tlaa a tswelela a rekisa le go godisa kgwebo, e gantsi a e direlang kwa mafelong a marekisetso ka nako ya fa a golotse kwa sekoleng. BOPA

Source : BOPA

Author : Bakang Segokgo

Location : GABORONE

Event : Potsolotso

Date : 31 Aug 2021