Mapodise a mo patlong ya magodu a dikgomo
31 Aug 2021
Mapodise a Tshane a tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone go fitlhetsweng dikgomo di bolailwe bosetlhogo gaufi le motse wa Hukuntsi bosheng.
Mo potsolotsong le BOPA, Mookamela mapodisi a Tshane, Superitendent Vusimuzi Jorowe, a re dikgomo tseo, go belaesega di ne di amusa, mme ebile go belaelwa di gapetswe dinamane.
Supt. Jorowe o tlhalositse fa ba ne ba begelwa tiragalo eo ke barui bangwe mo kgaolong, ba supa fa go simologile bogodu jo bosha jwa go utswa dinamane e re morago go bolawe bommaatsone go nyeletsa bosupi.
A re magodu ao, ba dirile tiro e e sisimosang mmele ka go baka dikgobalo tse di masisi, jaaka go kgaola ditsebe, megatla, a bo ba di roba maoto, mme ba di phuaganye mo teng ga ditshimo.
Supt Jorowe, o tlhalositse fa ba ofisi ya sepodisi, ba itemogetse gore tlhokomelo ya leruo e lolea mme se, se fa magodu sebaka sa go ipagololela mogodu.
Ka jalo, o ne a gwetlha barui, go nna kelelo ka nako tsotlhe, a tlatsa ka gore, ba rue palo e ba ka kgonang go e tlhokomela.
A re go dira jalo, go tlaa nna motlhofo go lemoga fa kgomo dingwe di seo.
Mo go tse dingwe, o ne a kopa beng ba masimo le bone, gore ba tlhole masimo, go thibela ditiragalo tsa borukutlhi.
Fa a tswa la gagwe, morui mo kgaolong, Rre Ipuseng Mokgadi, o tlhalositse fa tiragalo eo, e ba tlogetse ka kakabalo ka jaana, a latlhegetswe ke leruo ka tsela e e ngomolang pelo.
Fa Rre Kadimo Sennye ene, a tlhalositse fa mo kgaolong, ba lebanwe ke kgwetlho ya letlhoko la metsi a leruo.
A re seemo se, se ba baya ka fa mosing ka jaana, fa dipula di nele, leruo la bone le gasama le naga, mme di felele di tsalela koo, dinamane di tlhoke go tshwaiwa ka nako mme se, se fe magodu nako ya go senya.
Rre Mompoloki Dithotse ene, a re ba ne ba itewa ke ditshikarelo, ba bona go feta malatsi go fologela dikgomo tse di tonanyana ka bontsi kwa lecheng di sena le tse dinamagadi.
O ne a tlhalosa fa ba ne ba iphutha ba dikologa meraka mme ba kgona go bona motlhala wa tse dinamagadi gore di dirageletswe ke eng.
A tlatsa gape ka gore, mo letsholong la bone, ba ne ba fitlhela go latlhetswe, mateng, ditlhako, ditlhogo mo lehuting, a bo di tlhosediwa ka molelo.
A re tseo, go belaesega go gopetswe nama go gweba ka yone.
Le fa go ntse jalo, o ne a gatelela botlhokwa jwa go tshwaragana ga barui le sepodisi, a re go ka fokotsa dikgang tsa borukutlhi jwa leruo jwa mohuta o, o ise o kekele. BOPA
Source : BOPA
Author : Malebogo Lekula
Location : GUKHWA
Event : Potsolotso
Date : 31 Aug 2021