Ntwa kgolo ke ya molomo - mookamedi
29 Aug 2021
Mapodisi a Werda a tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone rre wa kgotla ya Ikageng a neng a tshosetsa go bolaya mme wa dingwaga tse masome a mararo le boferabobedi morago ga go tlhoka kutlwisisanyo.
Mo potsolotsong le BOPA bosheng, motshwarelela mookamela mapodisi a Werda Inspector Itireleng Zulu o tlhalositse fa tiragalo e, e diragetse kgwedi eno e le lesome le botlhano kwa motseng oo, mme go belaelwa fa bobedi joo e le baratani.
Inspector Zulu o boletse fa mo nakong ya gompieno ba santse ba tshegeditse mmelaelwa yoo, wa dingwaga tse masome mane le bone (44), mme fa a ka bonwa molato o tlaa atlholelwa molato wa matshosetsi a polao, mme a ka tsena kgolegelo ya dingwaga tse di sa feteng lesome.
Inspector Zulu o gakolotse baratani bogolo jang banana le setshaba ka kakaretso go ikuela kwa go ba ba lebaneng jaaka mapodisi, ba boipelego, dikgosi, dikgosana, baruti le ditsala tsa bone fa ba na le dikgang tse di tlhokang tharabololo go itsa ditiragalo tsa mofuta o.
Mo dikgannyeng tse dingwe Inspector Zulu o tlhalositse fa mapodisi a Werda a ne a ntse a le mo letsomong la go batla mme mongwe wa motse oo, morago ga go phuaganya bana ba le nosi mo lwapeng kgwedi eno e le lesome le botlhano.
Mme yoo, yo o dingwaga di masome a mararo le bone, yo ba mmoneng ka Labone kwa motseng wa Itholoke o ne a tlogetse bana ba le bararo, wa dingwaga tse lesome le bongwe, wa tse nne le wa tse tharo.
A re mosadi yoo, yo ba santseng ba mo tlhotlhomisa o ka atlholelwa kgolegelo ya dingwaga tse di fetang bosupa fa a ka bonwa molato wa go ikgatholosa bana ka go ba tlogela ba le nosi. Inspector Zulu o ne a gwetlha bomme go tlhokomela bana ba bone ka mo nakong eno lefatshe le shenne meno ka lebaka la borukutlhi jo bo ileng magoletsa.
O rotloeditse setshaba go kopa thuso mo go ba ba lebaneng fa go tswa ka tharabololo.
Mo go tse dingwe Inspector Zulu a re mapodisi ba tshegeditse monna mongwe wa dingwaga tse masome a mabedi le borataro mabapi le go tlhaba monna wa dingwaga tse masome a mane le bongwe ka sengwe se se bogale morago ga go tlhoka kutlwisisanyo.
O boletse fa morago ga tiragalo eo mapodisi ba ne ba ragosetsa monna yoo kwa kokelwaneng ya Werda kwa a neng a thusiwa ke ba bongaka mme ebile a sidilega.
A re tiragalo e, e diragetse kgwedi eno e le masome a mabedi kwa polasing nngwe gaufi le motse wa Werda mme ditlhotlhomiso di santse di tsweletse. BOPA
Source : BOPA
Author : Cathrine Simane
Location : WERDA
Event : Potsolotso
Date : 29 Aug 2021