Bolwetsi jwa mabele bo a gola
29 Aug 2021
Kgaolo potlana ya Palapye e tsweletse ka go gatisa dipalo tse di kwa godimo tsa bolwetsi jwa mabele.
Modulasitilo wa khansele potlana ya Palapye, Mme Khumoyame Lekoko o tlhalositse kwa phuthegong ya khansele bosheng gore kgolo ya bolwetsi e ka tswa e bakiwa ke tlhaelo ya kitso mo setshabeng le go tlhoka go dirisa matlwana a boitiketso kwa mahudisong.
Mme Lekoko o rotloetsa barui go kenta leruo jaaka ba lephata la matlhoko a leruo ba rotloetsa gore go dirwe.
A re mokento o thusa go thibela bolwetsi ka gore fa bo setse bo tsene, go turu go bo alafa gape moento o thibela malwetsi a a tshelwanwang ke diphologolo le a di ka a fitisetsang kwa bathong.
A re letsholo la go kentela kwatsi (Anthrax) le Quarter Evil le tsweletse, a tlhalosa fa barui ba tsaya melemo kwa lephateng la matlhoko a leruo mme ba dirise bakenti ba ba ikemetseng go ba thusa .
Mme Lekoko a re le fa barui ba le bonya go dirisa lenaneo le, sekgoreletsi segolo ke tlhaelo ya melemo. A re dikgomo di le 15 000 mo go tse 152 00 di filwe kwatsi fa tse 8 000 mo go tse 50 700 di filwe Quarter Evil .
O tlhalositse fa molafo o kentelwa ngwaga otlhe ke badiri ba lephata la matlhoko a leruo.
A re ba kgonne go kenta dintsa di le 125 mo go tse 6 000 le dikatse di le thataro mo go tse 900, a supa fa lenaneo le isitswe tlase ke kgwetlho ya COVID-19. BOPA
Source : BOPA
Author : Kefilwe Selotlegeng
Location : PALAPYE
Event : Phuthego ya Khansele
Date : 29 Aug 2021