Morui o eletsa kgolo mo thuong ya dipodi
29 Aug 2021
Morui mongwe wa dipodi kwa Majwanaadipitse a re o na le keletso ya go bona kgwebo ya gagwe e godile.
Rre Neo Molefhi wa dingwaga tse masome a mararo o simolotse thuo ya dipodi ka ngwaga wa 2015 a sena go fiwa dipodi di le 60 ka lenaneo la Youth Development Fund (YDF).
Rre Molefhi a re kgwebo e e ne ya simolola ka tsela e e ntseng jalo, mme a supa fa a ne a simolola go rekisetsa banana ba ba mo lenaneong la nyeletso lehuma gone kwa Majwanaadipitse.
Morui yo a re o lebaganwe ke dikgwetlho di le mmalwa mo kgwebong ya gagwe, nngwe ya tsone e le malwetse a dihutshane ga mmogo le bogodu jwa leruo.
O tlhalositse fa dingwe tsa dipodi tsa gagwe di ne tsa bolawa ke malwetse sebakanyana morago ga gore a di fiwe mme a re se se ka tswa se ne se bakilwe ke phetogo ya lefelo ka jaana a ne a di ruela kwa di sa tlwaelang teng.
A re o ne a di rekela melemo mme seemo sa kokobela.
Rre Molefhi a re kgwetlho e nngwe ke ya bogodu ja leruo mme e bile e le yone e e gomagometsang go phutlhamisa kgwebo ya gagwe.
A re o itemogetse fa bogodu jo bo dirwa ke banni ba motse mme ebile a setse a kile a bega dikgang tse kwa go ba sepodisi.
A re se se mo kgoba marapo ka a ne a solofetse tirisanyo mmogo le banni ba motse wa gaabo ka gore kgwebo e e ka ba sologela molemo fela botlhe.
O tsweletse a tlhalosa fa se se tlaa seke se mo emise mo maikaelelong a gagwe a go tswelela a godisa kgwebo ya gagwe mme o tlaa tswelela a kopa thusa kwa go ba sepodisi go leka go lwantsha seemo se.
Rre Molefhi a re maikaelelo a gagwe ke go atolosa mmaraka wa gagwe wa go rekisa dipodi a rekisetsa Botswana ka bophara.
A re o ikaelela go rekisetsa le ba dibuchara nama ya podi ka a lemogile fa nama ya podi e na le theko mme go se batho ba ba ntsi ba ba e rekisang.
Rre Molefhi a re o ikaelela go rua gape le dikoko tsa nama le tsa mae, a tlhalosa fa se se tlaa mo tswela mosola fela thata ka mo nakong ya gompieno go sena ope yo o mo kgwebo e ya thuo ya sika loo-nonyane mo Majwanaadipitse.
Rre Molefhi a re e re ka kgetsi ya tsie e kgonwa ke go tshwaraganelwa, o ikaelela go ikopanya le banana bangwe mo dikgwebong tsa gagwe a tlhalosa fa gape se e tlaa bo e le maiteko a go tlhama mebereko ka lefatshe le lebaganwe ke letlhoko la ditiro.BOPA
Source : BOPA
Author : Tefo Rantaung
Location : MAJWANAADIPITSE
Event : Potsolotso
Date : 29 Aug 2021