Theko ya dijo tsa Setswana e ile magoletsa
26 Aug 2021
Tlhagogo ya bolwetse jwa COVID-19 e tsile ka masula, mme gape e butse bontsi matlho, bogolo jang mo go eleng tlhoko se ba se jang, selo se se rotloeditseng kgolo ya thekiso ya dijo tsa setso mo Gaborone.
Fa e sale kiletso mesepele ya ntlha ngwaga o o fetileng, balemi ba ne ba simolola go bona thotloetso mo thekisong ya thobo ya bone, ka puso le batho ba ne ba reka mo go bone.
Go lemogeng thotloetso eo, molemi Mme Ziporrah Phale o ne a bona gore ke nako ya gore a nne le mosasanyana kwa main mall go rekisa thobo ya gagwe.
“Fa e sale Corona e wa batho ba le bantsi ba simolotse go di reka le go ja dijo tsa Setswana thata. Ke dumela ba dirwa ke gore dijo tse di siametse mmele wa motho ka di sena dilabe dipe.”
A re go a itumedisa go bona batho ba boetse segabone, bogolo jang ka dijo tsa setso di se thwathwa e e kwa godimo, ebile motho a kalelwa selekanyo sa madi a a tshwereng.
A re thotloetso e ba e bonang e ba tiisa moko e le balemi, ka ba lema ba itse gore go na le ba ba tlaa rekang.
“Kgwebo e yame ke e fa lerato le mephuthelwana e ya teng o kgona go bona bophepa jwa teng,”a tlhalosa.
O rekisa mosutlhwane, letlhodi, ditloo, manoko,morogo, dinawa ka go farologana jaaka mae a tshilwana le black eye.
Mme Phale o kaile fa dijo tse le tsone di ka apeiwa ka metlhale e e farologanyeng mme a supa gore manoko a ka tswakanngwa le dijo tse dintsi.
Morekisi yo, o tlhalositse gore fa motho a batla go utlwa tatso ya dinawa o ka dira metswako e tshwana le go di apaya le mmidi mme o tlhakanye le Korong.
“Ditloo le tsone o kgona go di apaya le lechotlho kana setampa mme tatso ya teng ke e o itomang monwana,” Mme Phale a tlhalosa.
O tlhalositse gore o itumelela gore Batswana ba boetse mo ngwaong ya bone ya go ja dijo tsa setso ka tsatsi le letsatsi ba a di reka mme bangwe ba mmolelela gore fa e sale go simolola go di ja malwetse ga a ba tshabelele.
Sengwe se a se itemogetseng ke gore Batswana ba le bantsi gone kwa Main Mall ba rekisa dijo tse mme a re se se supa lorato mo ngwaong.
A tlhalositse gore mo nakong e, ya bolwetse o dira P300 ka letsatsi mme a tlhalosa fa dijo tsa gagwe di lopa P10 go ya ko go P50.
“Fa go le serame kana mariga ke gone batho ba di rekang thata go fetisa,”a tlhalosa.
O kaile gape gore bangwe ba di rekela go di dirisa e le peo ka nako ya temo.
A re fa a sena dingwe o reka mo baleming ba bangwe le kwa Botswana Agricultural Marketing Board.
O kaile fa e le molemi morui yo o ipelang mme maikaelelo a gagwe e le go lema le go itshetsa ka go rekisa thobo ya gagwe.
Mme Phale o kgothaditse batho ba ba santseng ba saletse kwa morago gore ba simolole go ja dijo tsa setso, ka seo se ka ba thusa go tila malwetse ka bontsi. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Bakang Segokgo
Location : GABORONE
Event : Puisanyo
Date : 26 Aug 2021