Lephata le rotloetsa babereki go lema merogo
26 Aug 2021
Lephata le le tlhokometseng dikago tsa puso (Department of Facilities Management) kwa Mahalapye, le beile botsogo jwa babereki kwa pele ka go ba rotloetsa go ja merogo le dijo tse di nang le dikotla.
Mogolwane wa lephata, Rre Micca Sefonea a re ba na le tshingwana ya merogo kwa lephateng, go thusa babereki ba ba sa tsogang sentle.
A re ba rotloetsa babereki go nna le ditshingwana tsa merogo kwa malwapeng.
Rre Sefonea a re ba rekisa merogo e ba e lemang, go dira letseno go thusa babereki, bogolo jang ba ba sa tsogang sentle le setshaba fa go tlhaelang teng.
A re babereki gantsi ba reka morogo o santse o le monnye, go ya go lema kwa malwapeng ba bo ba ka rekisa go dira letseno.
Rre Sefonea o supile gape fa go na le semausu mo lephateng, go itsa babereki go tsena kwa marekisetsong a a mosuke.
Mokwaledi wa komiti ya botsogo kwa lephateng, Mme Masego Segwagwe a re maikaelelo ke go tlhokomela babereki gore ope a seka a sotlega.
A re ba agetse mongwe ntlo kwa Taupye ebile ba tsweletse le go agela mmereki ka bone ntlo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Masego Pulamoeng
Location : MAHALAPYE
Event : Puisanyo
Date : 26 Aug 2021