Mogwebi o tshwenngwa ke kwelo-tlase ya kgwebo
25 Aug 2021
Mogwebi yo mmotlana wa kwa Majwanaadipitse a re mogare wa COVID-19 o amile bagwebi segolo jang ba babotlana jaaka ene.
Mme Montlenyane Raditanka yo o tlholegang kwa motsaneng wa Tshimoyapula mme a le mo kgwebong ya go hirisa ditante a re fa e sale tlhagogo ya segajaja sa COVID-19 o itemogetse kwelo tlase e e seng kana ka sepe mo kgwebong ya gagwe. O tlhalositse mo potsolosong ka Labobedi gore o ne a abelwa tante le ditilo di le 50 ka lenaneo la nyeletso lehuma ka ngwaga wa 2015.
A re morago o ne a reka ditafole le matsela a mekgabisa go tokafatsa kgwebo ya gagwe, a tlhalosa gore le mororo a sa dira dithuto tsa go kgabisa ka matsela mo tanteng, o na le botsipa jwa go dira jalo.
A re morago ga go fiwa tante o ne a bona dipoelo tse di nametsang fela thata ka a ne a hirisetsa banni ba Tshimoyapula le Majwanaadipitse tante ya gagwe mme seo se mo kgontshe go gatela pele ka maiteko a gagwe a go itshetsa le ba lwapa la gagwe.
O tlhalositse fa gape go ne go sena batho ba ba ntsi mo kgwebong e kwa motseng o a direlang kwa go one le mo go e e mabapi ka jalo go sena kgaisano epe.
Mme Raditanka a re e re ka jaana a ikaegile ka yone kgwebo e fela, phetolo ya tsamaiso ya manyalo go ya ka melawana ya go lwantsha COVID-19 e mmeile ka fa mosing segolo jang ka manyalo a santse a eme.
A re ka gore dipalo tsa batho ba ba letlelelwang go tsenelela meletlo ya manyalo di ne tsa fokodiwa, batho ga ba sa tlhole ba dirisa ditante tse di tona jaaka ya gagwe.
O tlhalositse fa mo nakong ya gompieno a hirisetsa ba ba nang le dintsho ditilo, a supa fa se se le botoka ka a bona letsenonyana.
Mme Raditanka a re tsholofelo ya gagwe ke gore seemo sa COVID-19 se tlaa feta mme botshelo bo boele kwa tlwaelong mme a kgone go tsolososa kgwebo ya gagwe.
A re maikaelelo a gagwe ke gore fa kgwebo ya gagwe e simolola go dira botoka gape, a leke metlhale ya sesha ya go ipapatsa jaaka go anamisa kgwebo ya gagwe mo maranyaneng.
O gakolotse bagwebi ka ene gore ba seka ba kgobega marapo, a re ba nne le tsholofelo mme gape a ba rotloetsa go leka metlhale e mengwe ya itshetso ntleng le ya dikgwebo tse ba setseng ba nale tsone.
O ba gakolotse go tsaya mananeo a puso ka tlhwaafalo ka a ka ba tswela mosola fela thata, a re le tirisanyo mmogo magareng ga bagwebi e ka ba tlodisa melatswana.
Mme Raditanka a re go leka go itsa molelo go tima mo lwapeng, o tshweretshwere mo lenaneong la Ipelegeng mo nakong eno e kgwebo ya gagwe e sa tlholeng e tsamaya sentle. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tefo Rantaung
Location : Majwanaapitse
Event : Potsolotso
Date : 25 Aug 2021