Mme Khuwa o itshetsa ka dijale
25 Aug 2021
Mme Zibizo Khuwa (43) wa kgotla ya Modikwana kwa Serowe, o itshetsa ka go roka le go loga dijale tsa manyalo, tiro e a saleng a e simolotse ka 2008.
Mme Khuwa o tlhaloseditse BOPA fa botsipa jo, e le mpho ya Modimo ka a ise a tsenelele dithuto dipe tsa go roka.
Diijale tsa gagwe di farologana ka mebala, mekgabisa le botona jwa tsone mme gantsi o roka go ya ka ditaelo tsa moreki.
A re ditlhotlhwa tsa gagwe di simolola ka P150 go ya kwa go P350. Mme Khuwa yo o tshelang ka bogole jwa go tlhoka pono, a re ga a ise a nne le lefelo le a direlang kwa go lone mme mo o direla mo lwapeng ebile a dira a le esi a sena mothusi.
Monnawe ebile e le moemedi wa gagwe, Mme Kabelo Khuwa, o tlhalositse fa Mme Khuwa a tlhaelelwa ke di dirisiwa di akaretsa matsela, ditlhale le mekgabisa gape a roka ka diatla ka a sena motshine, se se nyafatsa tiro ka o tsaya sebaka go roka tsale e le nngwe mme go ise kwa kwa tlase dipoelo tsa gagwe.
Go emisiwa ga manyalo ntateng ya COVID-19 go amile kgwebo ka ga go letseno lepe le a le bonang.BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Ookeditse Kamogelo
Location : Serowe
Event : Potsolotso
Date : 25 Aug 2021