Lephata le sala ditsetlana morago
25 Aug 2021
Ofisi ya ditimamelelo e tsweletse ka go thusa setshaba ka manongtlhotlho.
Fa a lekodisa setshaba ka fa lekalana la ditimamolelo le tshwereng ka teng mo nakong tse di thata tsa COVID-19 ka Labobedi, Mothusa Tona mo lephateng la dikgaolo le tlhabologo magae,
Rre Mabuse Pule o kaile fa go na le diofisi tsa ditimamolelo di le masome a mabedi, Botswana otlhe.
Rre Pule a re le ntswa a tlhaloganya gore ga go ise go lekane, ba tsweletse ka go tokofatsa ditirelo, mme a kaya fa didirisiwa tsa go tima molelo di tura.
O file sekai sa gore koloi e le nngwe e kgona go ja di dikadike, mme puso e tsweletse ka maiteko a go oketsa ditirelo tseo.
O boletse fa gape ba leka gore babereki ba ditimamolelo ba nne le didirisiwa tse e leng tsa bone ka bongwe ka bongwe, mme a supa gore fa gona le tlhaelo, fa ba di amogana ba a ditlhatswa go bolaya megare pele di dirisiwa.
“Go supa fa re tsaya se tsia, go seegetswe madi a kana ka P1 million a eleng gore a kgona go dirisiwa gore fa go tlhokega,ofisi e, e a dirise, jaaka a mathombo a dirisiwang fa go tingwa molelo,” Rre Pule a tlholosa.
Mo go tse dingwe, o kaile gore ba tsweletse ka go sala ditsetlana tsa COVID-19 morago.
E rile a tlhalosa ka tiro ya ditimamolelo kwa toropong ya Francistown, Mokwaledi wa khansele eo, Rre Lopang Pule a bolela fa ba beile ofisi ya ditimamolelo gaufi le kwa madirelong, a gantsi a tshabelelwang ke melelo kapa ko go tletseng madirelo.
O kaile fa ofisi e nngwe ya ditimamolelo e le kwa Tutume, se ele tsela ya go atumetsa ditirelo tse kwa metseng.
Mo go tse dingwe, Rre Pule o kopile sechaba go emisa go tshuba naga, ka go le borai.
Mokwaledi wa khansele ya Gaborone, Rre Lebuile Israel ene o tlhalositse fa le bone ba tsweletse go tlhokomela ofisi ya ditimamolelo, a re ba kgonne go reka setimamolelo se le sengwe go oketsa ditirelo.
O kaile fa ba tshwenyegile ka melelo, bogolo jang thata mo malwapeng.
O kopile batsadi go hapha didirisiwa tse di ka kapang molelo kana tse di dirisiwang go gotsa molelo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Bakang Segokgo
Location : Gaborone
Event : Tekodiso setshaba
Date : 25 Aug 2021