Breaking News

Letsholo le tsweletse sentle kwa Palapye

24 Aug 2021

Letsholo la mokento wa COVID-19 mo kgaolong potlana ya Palapye le tsweletse sentle.

Se se builwe ke modulasetilo wa khansele potlana ya Palapye Mme Khumoyame Lekoko fa simolodisa dipuisano tsa khansele kwa Palapye ka Mosupologo.

Mme Lekoko o tlhalositse fa batho ba le 10 911 ba setse ba tsere mokento wa ntlha fa ba le 6 176 mo go bone ba tsere mokento wa bobedi wa Astrezeneca le Sinovac.

O boletse fa ba tsweletse ka karolo ya bobedi ya go kenta batho ba dingwaga tse di masome a mane le matlhano go ya kwa go tse di masome a matlhano le bone ka mekento wa Astrezeneca le Sinovac.

Mme Lekoko a re le fa ba itemogela dikgwetlho ba kgonne go laola mogare ka tshwaragano ya ba botsogo le ba-na-le seabe ka kakaretso.

A re le fa go ntse jalo go santse go na le kgwetlho ya banni bangwe ba ba sa obameleng melawana ya ba botsogo ya go katologana le go rwala dibipa molomo le dinko.

A re lephata la botsogo DHMT ba tsweletse ka go ruta setshaba le badiri ka ditaelo tsa botsogo le go ba lekodisa ka COVID-19.

Mme Lekoko a re kgaolo potlana ya Palapye e setse e gatisitse dipalo tsa batho ba ba nang le mogare di le 10 149 fa e sale COVID-19 e simologa.

Are 8 920 ke ba ba tokafetseng fa 596 ele ba ba santseng ba lwala le dintsho di le 71. O tlhalositse fa kgaolo potlana ya Palapye e nnile le babereki ba le 169 ba ba tshwereng ka mogare wa COVID-19, ba le bararo mo go bone ba tlhokafetse.

Mme Lekoko a re matlhatlhobelo a COVID-19 a kwa Extension 11 a mo tirisong e bile a tsweletse ka go amogela ditlhatlhobo tsa Polymerase Chain Reaction test (PCR) go tswa kwa Bobonong, Mmadinare, Selebi Phikwe le Serowe .

O ne a leboga badiri ba ditirelo tsa botlhokwa ka go farologana go bo ba tsweletse ka go dira ka natla go thusa setshaba le go isa kgaolo pele.

Mme Lekoko o ne a gakolola setshaba go tswelela ba sala ditaelo tsa ba botsogo morago go lwantsha mogare o. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kefilwe Selotlegeng

Location : PALAPYE

Event : Dipuisano

Date : 24 Aug 2021