Bomme ba le bararo ba lebisitswe molato
23 Aug 2021
Mapodisi a Kasane a gapile khadi, modaefoko le bojalwa jwa sekgoa ba bo ba atlhola bomme ba le bararo ba ba fitlhetsweng ba rekisa majalwa ao ka mafelo a beke.
Superintendent James Maabong, o tlhaloseditse BOPA fa sepodisi se ne sa bolotsa letsholo ka mafelo a beke, go tlhomamisa gore a melao e e beilweng go thibela kanamo ya COVID-19, e salwa morago mme ba fitlhela kwa Kgaphamadi mme wa dingwaga tse 42 le wa tse 53 kwa Newtown, ba ne ba ometse khadi le modaefoko ebile go lebega ba rekisa ka dikupu dingwe di ne di setse ka makgaritlha.
A re ba ne ba tshwara gape mme yo mongwe wa dingwaga tse 50 kwa Kgaphamadi, ka dibokose di le lesome tsa bojalwa jwa sekgoa jo bo fitlhelwang gantsi kwa Zambia.
Supt Maabong a re boraro joo, bo atlhotswe P5 000 mongwe le mongwe, ba le babedi ba duela fa yo mongwe a ise a duele.
Supt Maabong a re gone mo letsholong leo, ba tshwere borre ba le lesome le bobedi kwa Kgaphamadi le Newtown ka molato wa go kgobokana mme ba ba atlhola P500 mongwe le mongwe.
A re sepodisi se tshwenyegile ka bangwe ba ba santseng ba tsamayang ba sa apara dibipa molomo le nko ka yaare tsatsi le letsatsi, ba tshware bangwe fa bangwe bone ba santse ba sa katologane le tswa mogare o tsweletse ka go anama. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Keamogetse Letsholo
Location : KASANE
Event : POTSOLOTSO
Date : 23 Aug 2021