Breaking News

Thekiso ya bojalwa e a tshwenya

22 Aug 2021

Monna mongwe o fitlhetswe ka majalwa a go belaesegang a tsene mo lefatsheng leno ka bokukuntshwane.  

Dibokose (case) di le masome  a mararo le boferabobedi di fitlhetswe ka Labone kwa ntlong e monna yo o a e firisitseng kwa Mogoditshane. 

Mookamela mapodisi wa kgaolo ya District No. 13, Superintendent Agreement Mapeu, a re rre yoo o dingwaga di le masome mararo le boraro, mme o tlholega kwa Zimbabwe.

A re mmelaelwa o tlaa lebisiwa molato wa go rekisa bojalwa e se ka fa molaong segolo bogolo mo nakong e go nang le kiletso  thekiso ya bojalwa ka maiteko a go kganela kanamo ya mogare wa corona.

Supt Mapeu a re mapodisi a tshwenngwa ke thekiso ya majalwa e e ileng magoletsa mo kgaolong ya gagwe. 

A re dipatlisiso tsa bone di supile  fa majalwa ao a tsene mo lefatsheng leno ka bokukuntshwane go tswa kwa mafatsheng a a mabapi.

O ne a tlhalosa gore ba itemogela tiriso ya bojalwa e ntsi thata mo dikgaolong tse a di okametseng ebong Mogoditshane, Ramotswa, Gaborone West, Naledi mo go a mangwe. 

A re mapodisi a tshwenngwa gape ke batho ba ba nwang bojalwa mo mebileng le ba ba rekisang bojalwa e se ka fa molaong.

Supt Mapeu a re go na le bangwe ba ba fudusitseng majalwa mo di bareng, mme ba a isa kwa malwapeng,  seemo se a reng se a tshwenya ka jaana majalwa jaanong a le mo dijarateng mo go fetotseng malwapa dibara.

A re morago ga go tswalelwa ga thekiso ya bolalwa ka Seetebosigo  ba tshwere batho ba le masome mane le bofera bobedi, mme ba ba lebisa molato wa go dirisa kgotsa go gweba ka bojalwa mo go seng ka fa molaong. 

A re badira molato o, ba lebisitswe kotlhao ya P5 000. 

Bangwe ba duetse fa bangwe ba sa duela mme go na le thulaganyo ya gore ba isiwe fa pele ga lekgotla.

Supt Mapeu o kaile gape gore majalwa a ke a sekgoa le a setswana mme a gatelela gore tiriso ya bojalwa e a tshwenya ka e baka dikotsi le dintwa.  

“Selo se se a tshwenya mo nakong e ya segajaja ka jaana batho ba latlhegetswe ke matshelo ba le bantsi.”

A re go lebega seemo sa tiriso nnotagi mo nakong e ya kiletso thekiso ya bojalwa se ile  magoletsa thata fa go tshwantshanngwa le nako e e fetileng ya fa go emisitswe thekiso ya bojalwa. 

Ka jalo, o rotloeditse batho go tsaya boikarabelo ka jaana puso e bone go le botlhokwa go emisa bojalwa ka bo na le seabe sa go anamisa mogare.

Le fa go ntse jalo, Superintendent Mapeu o ikuetse mo pusong gore go nne le tsetlana e e itsang gore bojalwa bo tsamaisiwe ka dikoloi.  

A re ba lemogile gore majalwa ka bontsi a rorwa ka dikoloi mme se se dire gore tiro ya mapodisi e nne bokete ka bangwe ba a bo ba supa fa e le majalwa a ba sa bolong go a reka mme jaanong ba a rora mo madirelong ba a isa kwa malwapeng. 

A re Mogoditshane e di goga kwa pele mo tirisong ya bojalwa e e seng ka fa molaong.

Godimo ga moo, Supt Mapeu a re kgaolo ya Ramotswa e tshwenya thata ka thekiso ya majalwa a Setswana. 

O ikuetse mo setshabeng go loma mapodisi tsebe fa ba na le kitso ya ba ba rekisiang bojalwa a solofetsa fa maina a bone a tlaa sirelediwa. BOKHUTLO 

Source : BOPA

Author : Lindi Morwaeng

Location : Mogoditshane

Event : Borukhutlhi

Date : 22 Aug 2021