Kabakanyo ya methale ya itshetso e thusa letlhoko la ditiro
19 Aug 2021
Kabakanyo ya mehuta ya itshetso, ke nngwe ya ditsela tsa go lwantsha letlhoko la ditiro le le kwa godimo mo bananeng.
Rre Tshenolo Kgaoganang, monana wa dingwaga tse di masome a mabedi le bosupa wa kgotla ya Goo-Mpshwe mo Serowe o itshetsa ka dilo di le mmalwa jaaka go rua, go gatisa dikipara, le go fa batho ditirelo tsa maranyane ka dithuto tsa gagwe tsa Graphic Design.
Mo dipotsolotsong ka ka Labobedi, Rre Kgaoganang o supile fa a rata thuo a tlhasalosa fa a simolotse ka go rua dintsa tsa mofuta wa Boer-bull go di rekisa.
Go ya ka Rre Kgaoganang, o ne a ananya dintsanyana ka dipodi tse a tlhalosang fa a ne a dirisa dipoelo tsa te teng go reka mochine o gatisang dikipara le go aga hoko ya dikoko tsa mae.
O tlhalositse gore thuo ya dikoko ga e a ntsha maduo ka e ne ya babalelwa ke go tlhoka tlhokomelo e e maleba ka ntlha ya kiletso mesepele e e neng ya dirwa ngogola go leka go laola kanamo ya bolwetse jwa COVID-19.
Yare morago ga dikoko a seka a ipona tsapa ka a ne a tswelela ka go leka maano a botshelo.
Sengwe se a neng a se leka gape e ne ya nna go reka mebutla kwa Selebi-Phikwe a nale tsala ya gagwe Rre Thuto Baitshenyetsi.
A re ka tsamao ya nako ba ne ba dumalana go ananya mebutla ka dipodi.
Rre Kgaoganang o tlhalositse fa a lemogile fa kananyo e le botoka go nale go duelana ka madi ka ntlha ya gore madi a motlhofo go faposiwa mo tirong ya one, mme fa motho a tsaya seruiwa se ka tsala sa ikoketsa.
Rre Kgaoganang o tlhalosa fa bontsi jwa dilo tse a di kgobokantseng e le ka go dumela go fa batho ditirelo mme morago ba mo duele sepe fela se a ka se ruang go nale go mo duela ka madi.
O ne a tlhalosa fa a ne a dumelana le mongwe go mo tseela dinepe tsa magadi a bo a mo atswa ka podi a bo a oketsa ka madi.
A re morago ga go kokotletsa dipodi o ne a tlelwa ke go rata thuo ya dikolobe mme a dumelana le mongwe kwa Letlhakane go ananya dipodi ka dikolobe.
Fa a tswelela, Rre Kgaoganang o ne a supa fa temo-thuo e le loeto le leleele ebile e batla motho yo o pelotelele ebile a sa ipone tsapa.
O supile fa a lemogile gore dikolobe di a busetsa ebile di nale theko e e nametsang mo motseng wa Serowe. O ruile dikolobe tse di namagadi di le supa tsa mofuta wa lightwhite.
Dikolobe tse, Rre Kgaoganang o supa fa a di jesa dijo tse di farologaneng jaaka lab lab, moroko, letlhaka le merogwana.
Fela jaaka sengwe le sengwe thuo ya dikolobe le yone e nale dikgwetlho, mme Rre Kgaoganang o gatelela gore thuo ya dikolobe e turu ka gore di tlhoka go ja dijo tse di nonofileng gore di gole.
A re se, se mo pateletsa go kgaogana bonnyenyane jo a bo dirang kwa ditirong tse dingwe le dikolobe tsa gagwe.
A re kgwetlho ya gagwe ke gore di batla tlhokomelo le nako e ntsi ka jalo o feletse a tlogela ditiro tse dingwe jaaka go berekela kwa madirelong a gagwe a go gatisa dikipara mme jaanong a direla mo lwapeng gore a nne gaufi le dikolobe.
Kgwetlho e nngwe e Rre Kgaoganang a e supileng ke go tlhoka lefatshe, selo se a boletseng fa se ama keletso ya gagwe ya go oketsa palo ya dikolobe ka jaana go tlaa bo go sena fa a ka di bayang teng.
Rre Kgaoganang o bolela fa a setse a dirile maiteko a go dira kopo kwa mananenong a a thusang banana a tshwana le a Youth Development Fund, e le tsela ngwe ya go leka go atolosa thuo ya gagwe.
Rre Kgaoganang a re o rotloetsa batho go eteletsa go ananya tse ba nang natso ka tse ba di tlhokang go nale tiriso ya madi.
O tswelela ka go tlhalosa fa a rotloetsa batho ba ba nang le pelo ya go rua kana go lema go simolola ka iketlo go fitlha ba gola ba bo ba nna balemi-barui ba popota.
O ikuetse mo pusong go abela batho ba ba nang le kgatlhego mo temo- thuong lefatshe gore ba dire maiteko a go ka jesa lefatshe. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Ookeditse Kamogelo
Location : SEROWE
Event : dipotsolotso
Date : 19 Aug 2021