Banana ba batla ditsela tsa go itshetsa
19 Aug 2021
Banana bangwe ba motse wa Serowe mo kgotleng ya Makolojwane, ba inaakantse le kgwebo ya go phepafatsa malwapa e le tsela nngwe ya go itshetsa.
Mme Obusitse Baitsemi le Mme Abueng Seesela ba ba dingwaga di le masome a mabedi le bone, ba simolotse kgwebo ya go phepafatsa mo malwapeng e e bidiwang AB Cleaning Services.
Mo potsolosong le lekalana la BOPA ka Laboraro, banana ba, ba supile fa ba phepafatsa malwapa, mo teng ga matlo, ba tlhatswa diaparo e bile ba phepafatsa dikoloi, mme ba lopa yo ba mo direlang go ntsha bonnyenyane bongwe.
Ba re ba simolotse tiro ya bone mo ngwageng ono, mme e ne ya re pele ga ba simolola, ba kopana go buisanya gore ba ka dira eng go tsenya letseno.
Ntswa bomme ba, ba le mo lenaneong la puso la Tirelo Sechaba kwa sekoleng se sebotlana sa Makolojwane, ba supile fa ba dira tiro ya bone fa ba se kwa tirong.
Mme Seesela o ne a supa fa lemmenyana le ba le fiwang ke puso le sa ba lekane ka ba lebanwe ke dikgwetlho.
A re ba ne ba bapatsa tiro ya bone mo maranyaneng a facebook, mme ba simolola go bona banni ba Serowe ba ba rotloetsa ka go nna ba ba fa ditiro.
A re tiro ya bone ya go phepafatsa, ba e dira ka go farologana, ka mo dinakong tse dingwe ba latela yo o batlang go phepafaletswa, mme mo dinakong tse dingwe ba tsaya tse di phepafadiwang di tshwana le diaparo ba bo ba di phepafaletsa kwa malwapeng a bone.
Mme Seesela o supile fa ba na le didirisiwa tse di phepafatsang, mme fa yo o phepafaletswang a na le tsone, ga a lopiwe madi ape fa yo o senang tsone a lopiwa madi mangwe mo godimo ga tiro e a e diretsweng.
A re mo nakong eno, ba setse ba kile ba phepafatsa kwa matlong a badirelapuso le mo metseng ya batho mo Serowe, mme ba itumelela ka fa ba amogetsweng ka teng.
Mme Seesela o tlhalositse fa ba simolotse tiro ya bone morago ga go lemoga fa e tlhokiwa ke batho ba le bantsi, ka bangwe ba batla batho ba ba ba direlang ka nakwana fela.
Ntswa ba dira tiro e ya go phepafatsa, banana ba ba lebane le dikgwetlho di tshwana le tsa letlhoko la koloi le mochine o o tlhatswang.
Ba re fa nako e ntse e tsamaya, ba tla a reka motshine o o tlhatswang.
Ba supile fa ba ikaelela go kwadisa kompone ya bone gore ba kgone go thapa banana ba bangwe, e bile ba kgone go itirela letseno le le botoka ka go bona ditiro tse ditona tsa go phepafatsa kwa diofising tsa puso kana diofisi tsa dikompone tse di ikemetseng ka nosi. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Portia Rapitsenyane
Location : SEROWE
Event : Potsolotso
Date : 19 Aug 2021