Kgosi Tshipe o kopa tirasanyo mmogo
18 Aug 2021
Mothusa Kgosi ya Mahalapye, Kgosi Tshipe Tshipe o kopile bakgweetsi ba dipagamo tsa setshaba go nna le botho le tirisano mmogo e ntle magareng ga bone le bapagami le molao.
Kgosi Tshipe o buile seo kwa thuto puisanong e e neng e tshwere ke ba lephata la Ditsela, Dipalamo le Ipabalelo Tseleng ka Labobedi, fa ba buisana le makgotla a bakgweetsi ba dipagamo tsa setshaba , ga mmogo le ba dikolo tsa go ithuta go kgweetsa.
Kgosi a re go le gantsi bakgweetsi ba di palamo tsa setshaba ba na le go supa botho jo bo sa siamang mo bapagaming.
A re boitsholo jo bo sa siamang bo feletsa bo dira gore gangwe le gape ba kgopakgopetsane le molao. Kgosi Tshipe a re bakgweetsi ga ba folose bapagami kwa go tshwanetseng , e bile ba kgona go ba duedisa madi a a seng ka fa molaong.
O kopile ba lekgotla la dipagamo tsa di taxi la Mahalapye, go gagamatsa melao ya bone, a supa gore o tla fitlhela bakgweetsi ba le babedi mo go ba le lesome e le bone fela ba ba obamelang melao.
Kgosi o kopile le ba dikolo tsa ithutelo go kgweetsa gore ba seka ba ruta ka go kgweetsa fela, mme ba rotloetse thata ka boitsholo jo bo siameng.
Mogolwane go tswa kwa lephateng la Ditsela, Dipalamo le Ipabalelo tseleng, Mme Pearl Kasweka o tlhalositse gore bakgweetsi ba fokotsa dikotsi tsa tsela tse di gapang matshelo a batho ka go obamela melao ya tsela.
O kopile gore ba dikolo tse go ithutelwang go kgweetsa ba rute baithuti ba bone ka dilo tsotlhe tse di amang koloi, a supa gore diphoso tse gantsi di bakang dikotsi o fitlhela e le tse dinnye tse di ka bong di kganetswe.
Mme Kasweka o rotloeditse bakgweetsi go tlhatlhoba dikoloi tsa bone pele ga ba tsaya mosepele. A re tiriso ya nnotagi e baka thata dikotsi tsa tsela, a supa ka gore mo nakong ya fa bojalwa bo santse bo emisitswe dikotsi tsa tsela di a fokotsega.
Motlhatlhobi wa dikoloi kwa lephateng la Ditsela, Dipalamo le Ipabalelo Tseleng, Rre Joseph Setshwane a re bakgweetsi ba tshwanetse ba netefatsa gore koloi e itekanetse pele ga ba tsaya mosepele.
O tlhaloseditse bakgweetsi gore koloi e tshwanetse ya tsamaya ka leokwane le le lekanetseng go itsa gore e felelwe ke leokwane e santse e le mo tseleng.
Rre John Mafa wa sekolo sa Eddies Driving School kwa Mahalapye, a re bakgweetsi ba di taxi ga ba tlotle baithuti ba ba kgweetsang mo di tseleng le ntswa dikoloi tsa baithuti di na le sesupo sa gore ke baithuti.
Rre Mafa o kopile gore go nne le bokopano jwa bakgweetsi ba di taxi le ba dikolo tsa go ithuta go kgweetsa gore ba kgone go buisana ka matshwenyego a bone.
Moemedi wa Shoshong Taxi Association, Rre Focus Makhura a re ba tshwenngwa ke go atlholwa ke mapodise mo tseleng ba re ga ba tsamaye ka lebelo le le tshwanetseng, le ntswa go sena sesupo sa gore ba tshwanetse ba tsamaya ka lebelo le le kae.BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Masego Pulamoeng
Location : MAHALAPYE
Event : thuto puisanong
Date : 18 Aug 2021