Ramabole o itshetsa ka temo-thuo
18 Aug 2021
Mmampodi wa mabole Kgomotso Bok a re go botlhokwa gore batshameki ba tswakanye metshameko le sengwe jaaka go tsena mo dikwebong tse di farologanyeng.
Mo potsolotsong ka Labotlhano, Rre Bok yo o kileng a emela lefatshe leno mo mererong ya mabole makgetho a le mmalwa kwa mafatsheng a sele, a re go emisiwa metshameko ka mabaka a leroborobo la COVID-19, go supile fa go le botlhokwa go tswakanya methale ya itshetso.
Rre Bok yo o dingwaga tse di masome a mararo le bobedi o ne a fiwa P98 000 ka ngwaga wa 2010,ka lenaneo la tlhabololo banana la Youth Development Fund (YDF) go rua dipodi le dinku .
A re o simolotse ka dinku tse 72 tsa mofuta wa Damara le wa Dorper mme a rekisa dingwe tsa tsone go duela bontlha bongwe jwa madi a a neng a a adimilwe.
Monana yo wa motse wa Kisa a re o na le dingwaga a sa bereke mme o ntse a tshela ka mananeo a puso le go tshameka mabole.
A re o lebogela gore e rile metshameko e emisiwa ka mabaka a leroborobo la COVID-19, lenaneo la banana la mo tshetsa ka o ne a setse a itshetletse. O ne a atlega mo temo thuong mme a itlama go atolosa kgwebo ya gagwe ya dihutshane, a reka dikoko tsa mae go rekisetsa dikolo mae.
Morago ga moo a dirisa dipoelo tseo go bula semausu, go tlhatlhela dikoko tsa nama le dipidipidi mme o tsweletse ka go tlhabolola dikgwebo tsa gagwe go bona kwa mmu wa sekara o tlaa welang teng.
Mo godimo ga moo, Rre Bok o tsere lenaneo la Self Help Housing Agency (SHAA) le le mo agetseng ntlo ya bonno mme ebile o ntse a duela ntlo eo ka dipoelo tsa dikgwebo tsa gagwe.
A re go tlhagoga ga bolwetse jwa COVID-19 go ne ga ama metshameko mo go neng ga dira gore go seka ga tshwarwa metshameko gotlhelele ka a na le se a se dirang gaa ka a itlhoboga.
A re o tlhatlogile maemo mo mererong ya mabole a tshameka professional boxing ka 2013 mme o ikaelela go e tsweledisa mme seemo sa COVID-19 se babaletse batshameki ka letseno le seyo.
Rre Bok yo o tlwaelesegileng ka leina la ‘Bokmachine’ mo mererong ya mabole a re o tswa kgakala a na le lerato la go nna mo mosakong wa mabole ka a sale a simolotse ka ngwaga wa 2003 fa a sale mmotlana a bala lokwalo lwa ntlha (Form 1) mme a tswelela fela jalo go fitlha gompieno.
O ne a gola fela jalo go fitlha a tsena mo setlhopheng sa setshaba sa mabole ka ngwaga wa 2006.
O ne a tsamaya mafatshe a tsenelela le metshameko ya mafatshe-fatshe ya go ipatlela phatlha kwa di Olympic, a ya Swaziland, Mauritius, Namibia, le kwa South Africa a itaya lebole.
Mme ka ngwaga wa 2008 o ne a tsenelela metshameko ya Zone 4 a le mo setlhopheng sa setshaba mme a ikgapela sekgele sa gouta kwa Swaziland le selefera e nngwefela.
O setse a lole dintwa di le thataro ka fa tlase ga professional boxing mme o ne a fitlhelela di le nne fela mme a latlhegelwa ke dintwa di le pedi fela mo go tsone.
Mo nakong eno o eletsa go lwa dintwa di le tharo fela ka fa tlase ga professional boxing mme morago ga foo o batla go itebaganya le dikgwebo tsa gagwe tsa temo thuo.
A re o ikaelela go ntsha dihutshane tsa boleng jo borileng go isa ko matlhabelong a a a agiwang ko Tsabong.
Rre Bok o a rotloetsa banana go tsaya mananeo a puso ka tlhwaafalo go dira dikgwebo tse ba di ratang mme ba seka ba tsena fela ka gore ba bona bangwe ba dira.
“Tsena ka gore o na le lorato la kgwebo eo. Ga go batle o tsena e kare o a lekeletsa.
Tsena o itse gore o ya go dira,” Rre Bok a tlhalosa. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Calviniah Kgautlhe
Location : KISA
Event : Potsolotso
Date : 18 Aug 2021