Breaking News

Tshidilo Maikutlo konokono mo nakong ya leroborobo

17 Aug 2021

Moitsaanape wa tshidilo maikutlo kwa Unibesithing ya Botswana, Dr Thandazile Msimanga o kopile Batswana go nna le mowa wa neelano mo nakong ya COVID-19, e go sa etelanweng.

Fa a lekodisa setshaba ka Mosupulogo mo Gaborone, Dr Msimanga a re setshaba se dirise megala, maranyane, ba abelane mafoko a a tshidisang, a a gomotsang ga mmogo le go ikopanya le baitsaanape ba tshidilo maikutlo jaaka bo mmaboipelego le baruti.

O kopile ditsala le masika go tlamela ba ba wetsweng ke seru, ba lwala, ba lwalelwa kana ba tlhokafaletswe, a re ba seka ba nna ba kgathologile ka se, se ka ba ka tiisa mooko mo seemong sa bolwetse jwa COVID-19.

Dr Msimanga a re bontsi bo na le maikutlo a a sa welang, mabaka e le bolwetse jo bo farologantseng Batswana kgotsa bo kgaogantse batho le segabone sa tsamaiso ya Setswana ya go phuthagana.

A re dintsho tse dintsi tse di botlhoko tsa tshoganetso, tse di bakwang bogolo jang ke bolwetse jwa COVID-19 tse ebileng go sa fitlhwe jaaka tlwaelo, le tsone di babalela setshaba.

Dr Msimanga a re paka e, ke paka e e thata mme Batswana ba tshwaragane, ba tshegetsana le fa ba sa kopane.

A re fela fa motho a tshwarwa ka mogare, o tshwanelwa ke go emela fa le a le nosi, mme fa go ka diragala gore a lwale, o nna a le esi, ga a tlholwe ebo e re fa a ka tlhokafala, go se ke go kokoanwe le moswi a seke a bonwe, tsamaiso e a tlhalositseng gore e ka ama botsogo jwa tlhaloganyo mo go ba ba setseng.

O supile fa go tlhoka go nna teng ka namana le go sa kokoana, go dira gore maikutlo a timpale mo botsogo jwa tlhaloganyo bo amegang kgotsa bo utlwang botlhoko.

A re go kokoana go ne go tshidisa, go tlisa lorato le kemonokeng mme go gomotse gape a re merapelo e ne e le go tshidisana le go itseela pholo le boitlhobogo, selo se se neng se thusa go amogela seemo.

Dr Msimanga a re go bo COVID-19 e bakile gore go seka ga tlhola go kokoanwa, batho ba tshegetsane, ba buisane le masika ba bo ba ipabalele go itsa go tsenwa ke bolwetse.

A re leso le fa batho ba itse gore ke la mongwe le mongwe, ga le tlwaelesege.

A re loso le fa le le botlhoko, batho ba tshwanetse ba gololesege mo maikutlong mo nakong e go sa phuthaganweng, go gomotsa le go laela.

Dr Msimanga a re motho fa a sa amogela seemo sa leso, o kgona go nna le dikai dingwe mme a tlhoke go sidilwa maikutlo ke baruti, ditsala le masika mme ba ba retelelwang ba ikopanye le baitsaanape ba tshidilo maikutlo.

Fa a itebaganya le maikutlo a bana ba ba tlhokafaletsweng, Dr Msimanga o kopile gore bagolo ba phuthologe, ba ba bolelele nnete.

A re mo malobeng, ngwana o ne a bolelelwa gore motsadi wa gagwe o tserwe ke phiri mme seemo sa gompieno, se tlhoka gore bana ba tseye karolo mo go se se diragalang, ba seka ba kgaphelwa kwa thoko.

Dr Msimanga a re maikutlo a bana a tshwanetse go elwa tlhoko ka mo gongwe ngwana o kgona go tlelwa ke selo se a neng a sa se dire go le pele jaaka go kolobetsa dikobo, e le go kotlomela maikutlo ntateng ya go amega.

A re go maleba gore mo diemong tsa go nna jalo,bana ba isiwe kwa go bo baitsanape ba tshidilo maikulto gore ba tlhaloganye se se diragetseng. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Lesedi Thatayamodimo

Location : GABORONE

Event : Tekodiso setshaba

Date : 17 Aug 2021