Monna o wetse mo sedibeng
17 Aug 2021
Monna wa dingwaga tse di masome a mane le bone wa Struizendam mo kgaolong ya Kgalagadi borwa, o fitlhetswe a tlhokafetse mo sedibeng sengwe gone mo motseng oo.
Mo potsolosong le BOPA ka Mosupulogo, mothusa mookamela mapodisi a Bokspits, Assistant Superintendent Paul Bimbo o tlhalositse fa mapodisi ba ne ba begelwa ke mongwe wa masika, fa monna yoo a seo mo lwapeng.
A re ba ne ba mmatla ka motlhala go fitlhelela o felela mo sedibeng sengwe kgwedi eno e fera bobedi.
Ast Supt Bimbo a re mapodisi ba ne ba kgona go ntsha monna yoo mo Sedibeng, mme ba mo ragosetsa kwa kokelong ya Tsabong, kwa ba bongaka ba fetileng ba tlhomamisa fa a setse a tlhokafetse.
O ne a supa fa serepa se ne sa isiwa kwa sepateleng sa Princess Marina kwa Gaborone, go ya go tlhatlhobiwa ke ba bongaka.
Mme se ne sa busiwa ka mo nakong eno, moswi a bolokilwe ka Tshipi, fa ditlhotlhomiso tsa mapodisi tsone di sa ntse di tsweletse mabapi le se se ka tswang se bakile tiragalo eo.
Asistant Supt. Bimbo o boletse fa batsadi ba moswi ba supile fa e ne e le motlhoka puo, mme ebile gape a ne a tshela ka bolwetsi jwa leebana.
Mo dikgannyeng tse dingwe, Rre Bimbo a re mapodisi ba tshwenngwa ke dikgang tsa go tlodisa dithoto go tswa kwa mafatsheng a a kwa ntle go tsena mo lefatsheng leno.
O supile matshwenyego ao morago ga gore mapodisi ba tshware borre bangwe ba le bane bosheng, mabapi le go fitlhelwa ba tlodisa dikgetsi tsa dijo tsa leruo mo terateng ya molelwane go tswa kwa Afrika Borwa, jaaka ba ne ba le mo letsholong la go dikologa mololwane go ela seemo tlhoko.
O tlhalositse fa go tlodisa dithoto e le molato, e bile a supa fa go le borai mo nakong eno ya segajaja.
O tlhalosa fa batho ba tshwanetse go itse fa puso e ne ya tswala mengwe melelwane e le tsela nngwe ya go kganela kanamo ya mogare wa Corona, ka jalo a ba gakolola Sechaba go emisa go dira jalo.
Mo kgannyeng e nngwe, Assistant Supt. Bimbo o boletse fa mapodisi ba sa jesiwe diwelang ke dikgang tsa motokwane tse di kekelang mo kgaolong ya (BORAVAST) e leng metse ya Bokspits, Rapplespan, Vaalhoek le Struizendam.
O boletse fa bomme bangwe ba le babedi ba motse wa Rapplespan, ba thusa mapodisi mo ditlhotlhomisong mabapi le go fitlhelwa ka mophuthelwana wa setlhatshana se go belaesegang e le motokwane wa bokete jwa 85.7grams.
Mogolwane wa mapodisi a re go tsweng kwa ngwageng wa 2019 go fitlha ngwaga ono, ba setse ba gatisitse dikgetsi di le lesome le boferabobedi, mme bontsi jwa tsone bo santse bo le fa pele ga makgotla tshekelo.
O boletse fa ditlhotlhomiso tsa mapodisi di supa fa badiramolato bontsi jwa bone ba supa fa ba tsaya motokwane o o kwa Tsabong.
O ne a gakolola banni ba kgaolo ya gagwe go ikgapha mo go inaakanyeng le motokwane, ka o le borai mo botsogong jwa bone, le gore dikatlholo tsa teng di gagamaditswe thata go tswa ka ngwaga wa 2018, selo se a reng bangwe ba tlaa felela ba lebanwe ke go atlholelwa kgolegelo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Cathrine Simane
Location : STRUIZENDAM
Event : potsolotso
Date : 17 Aug 2021