Breaking News

Letlhaka le ka nonotsha mmu

16 Aug 2021

Morago ga gore dinonyane di bake tshenyo e ngomolang pelo mo masimong kwa Masunga, balemi ba tsere tshwetso ya go tlogela letlhaka mo masimong go nonotsha mmu le go baakanyetsa paka e tlang ya temo. 

Mo potsolotsong le BOPA, mogolwane wa Lephata la Temo Thuo le Tlhabololo ya Dijo mo kgaolong ya Bokone Botlhaba Rre Thomo Rantsudu o tlhalositse fa masimo mangwe mo Masunga a ne a amiwa thata ke dinonyane tsa mohuta wa thaga ka kgwedi ya Motsheganong. A re balemi bangwe ba ba jetsweng ke dinonyane ba ne ba tsaya tshwetso ya go tlogela letlhaka le eme, se e le go leka go oketsa menontshane mo pakeng e e tlang ya temo. 

Rre Rantsudu a re ntswa le fa ba ne ba tsibosa balemi ka tlhagogo ya dinonyane le go ba rotloetsa go roba ka pela, balemi bangwe ba ne ba diega go filhela dijwalo tsa bone di jewa ke dinonyane. 

A re balemi ba ne ba lemile mo go tlhatswang pelo monongwaga segolo jang lebelebele a tlatsa ka gore ba ba kgonneng go roba nako e le teng ba dule ka dikgetse di heta masome a marataro a lebelebele selo se a reng ga se a tlwaelesega. 

Rre Rantsudu o supile fa dinonyane di tlhotlhorile peo mo diakong, segolo jang lebelebele le mabele e bile masalela a setseng e le diako tse di senang boleng. A re ntswa mmu wa masimo mo kgaolong eo, o se montsi ka ntlha ya melatswana e dikologileng masimo, go botlhokwa go oketsa boleng jwa mmu ka leswe la letlhaka le le santseng le eme mo masimong. 

Rre Rantsudu a re e tlaare pele ga temo, lephata la dijwalo le thuse balemi ka motshine o kgaolang lothaka gore e re diterekere di lema di bo di kopanya leswe le mmu go oketsa menontshane mo mmung. O tlhalositse fa temo ya segompieno e e tlhabologileng e sa rotloetse gore leruo le ka hula mo masimong, se e le go tlhomamisa gore leruo ga le tlise malwetsi mo masimong.

Ka jalo, a re balemi ba ne ba tswala le go lotlela dikgoro tsa masimo gore leruo le seka la okiwa ke lothaka. BOPA

Source : BOPA

Author : Portia Ikgopoleng

Location : MASUNGA

Event : Interview

Date : 16 Aug 2021